LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 8/15 ts. 3-4
  • A O Ka Kgona—Go Itekanela Sentle mo Mmeleng le go Itumela?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Ka Kgona—Go Itekanela Sentle mo Mmeleng le go Itumela?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O ka Kgona Jang—Go Itekanela Sentle mo Mmeleng le go Itumela?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • BOITUMELO JWA SEBELE BO IKAEGILE KA WENA
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • Go Batla Boitumelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Go Senka Tsela
    Tsogang!—2018
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 8/15 ts. 3-4

A O Ka Kgona—Go Itekanela Sentle mo Mmeleng le go Itumela?

BANNA le basadi ba ba sa itekanelang ga ba bolo go eletsa go itekanela mo mmeleng le go bona boitumelo mo lobakeng lotlhe lo ba tshedileng ka lone. Lemororo tseno e le dilo tse pedi tse di botlhokwa thata tse batho ba di eletsang, ga ba ise ba kgone go di bona.

Batho ba ile ba akanya thata, ba ntsha dikgakololo tse dintsi tsa kafa dilo tseno di ka batliwang ka teng. Dr. Dennis Jaffe o ne a akgela jaana: “Boitekanelo jwa motho jwa mmele le go nna a sa lwale gompieno bo ikaegile ka gore o itshwara jang.” Abraham Lincoln o kile a akgela jaana: “Batho ba itumela ka selekanyo se ba swetsang gore ba batla go itumela ka sone mo dikgopolong tsa bone.” A o dumalana le seno? Totatota o eletsa go itumela o tlhoafetse go le kana kang? Go bona boitumelo go ikaegile ka go itekanela mo mmeleng ka selekanyo se se kana kang?

Batho ba ile ba batla boitumelo ka ditsela tsotlhe, ba latela tsela nngwe le nngwe fela e e akantshiwang ba sa kgaotse. Ba ile ba batlisisa thutabotlhalefi, thutatlhaloganyo, le metaphysics. Bangwe ba ile ba tsenelela mo saenseng, botaki, le mmino, fa ba ntse ba batla boitumelo. Lefa go le jalo ga go na pelaelo gore boitumelo tota bo amana thata le go itekanela sentle mo mmeleng. “Fa o itekanetse sentle mo mmeleng, go tshwana fela lefa o na le sengwe le sengwe,” go bolela jalo mafoko mangwe a barekisi ba mo thelebisheneng.

Ereka ba ntse ba bo batla ka thata jaana, batho ba bantsi ba ile ba dirisa dithuto tse dintsi tse di supang kafa re ka itekanelang ka teng mo mmeleng, e le tsa bodumedi le tse e seng tsa bodumedi. Mo e ka nnang laeborari nngwe le nngwe e e dirisiwang ke batho botlhe e na le dibuka tse di supang mekgwa e mentsi thata e e sa feleng ya go ja le ya go ikalafa. “Go ile ga nna ga kwalwa dibuka tse dintsi ka boitekanelo jwa mmele go tloga bogologolo,” go ne ga akgela jalo ngaka e e itsegeng thata ya malwetsi a pelo ebong Dr. Paul Dudley White. “Nngwe ya tse di gaisang thata e ne e le Regiment of Helthe e e neng ya kwalwa dingwaga tse di ka nnang sekete tse di fetileng.”

Lemororo go dirilwe seno, batho ba bantsi ga ba a ka ba kgona go bona sepe fa ba ntse ba batla kafa ba ka itekanelang ka teng mo mmeleng le kafa ba ka itumelang ka gone. A seno se a go gakgamatsa, fa o akanya tsela eo re gatetseng pele ka yone mo tlhabologong? Go phepafetse gore saense ga e a fedisa bolwetsi, botsofe, le loso.

Mme a o tla gakgamadiwa gape ke go itse gore ga re ise re bone tsela ya go lekanya boitumelo le gore ga re na tsela e e molemo ya go bo tlhalosa? Mo thutong e e neng e bua ka “Go Akanya ka Boitumelo,” Pierre Teilhard de Chardin o ne a konela jaana: “Dibuka, dipatlisiso, diteko tse dintsintsi tse di dirwang ke batho ka bongwe le ke ditlhopha, ka go latelelana, di ile tsa tlotla ka kgang eno ka makgolokgolo a dingwaga; mme se se utlwisang botlhoko ke gore botlhe ba ile ba palelwa ke go fitlhelela tshwetso e le nngwe fela. Ba bantsi ba rona ba felela ka go konela go tswa mo go sotlhe se se tlotlilweng gore go tswelela re batla dilo tseno ga go thuse lefa e le sepe.”

A o ikutlwa jalo ka go bona boitumelo? Ipotse dipotso dingwe ka bowena mme e le tsa mmatota. A totatota o itumetse jaanong? Kana a boitumelo jwa mmatota bo ka bonwa fela kwa legodimong? A go na le tebelelo epe fela e e tlhomamisegang ya gore re ka itekanela sentle mo mmeleng le go bona boitumelo, mme ebile re di bona teng mo lefatsheng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela