LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 7/15 ts. 26
  • Se Se Kaiwang Ke Thapelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Se Se Kaiwang Ke Thapelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 7/15 ts. 26

Se Se Kaiwang Ke Thapelo

“Ka Sehebera, lefoko le legolo le le dirisediwang thapelo le tswa mo moding wa ‘go atlhola,’ le popego ya one e e tlwaelegileng . . . fa le tsewa jaaka le ntse le raya, ‘go ikatlhola ka bowena.’” Go akgela jalo The Authorised Daily Prayer Book. Seno se akantsha gore mosola mongwe wa thapelo ke gore e tshwanetse go thusa motho gore a ipone gore a o fitlhelela dilo tse di siameng tse di tlhokwang mo go ene le dilo tse Modimo a batlang a di dira.

Ke gone ka moo, re bolelelwang mo Bibeleng yotlhe gore Modimo ga o kitla o reetsa dithapelo tsa motho yo a sa direng go rata ga gagwe. “Yehofa o kgakala le baikepi: me o utlwa morapèlō oa basiami.”—Diane 15:29; 1 Yohane 5:14.

Fa motho a itshekatsheka fa pele ga Jehofa Modimo eleruri go tshwanetse ga dira motho yo o rapelang gore a nne boikokobetso le gore a ikwatlhaye. Seno se gatelela setshwantsho sa ga Jesu sa Mofarasai yoo a neng a ikgogomosa le mokgethisi yo a neng a supa boikwatlhao, bao ba neng ba ile go rapela kwa tempeleng.—Luke 18:9-14.

Ka gone, lefa re rapela Jehofa re mo leboga, re mo galaletsa, kana re mo kopa, ka metlha nako ya thapelo ke nako eo motho a tshwanetseng go itlhatlhoba ka yone. Ka tsela eno, thapelo e re atamalanya le Jehofa le go nonotsha kamano ya rona le ene.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela