Ba ne Ba Thanya lo le Tsebeng!
NGWAGA ke wa 609 B.C.E. Lefelo ke Jerusalema. Yo o buang ke moperofeti Jeremia. O ne a bolelela pele go senngwa ga motse o a o ratang o o boitshepo, Jerusalema, tshenyego eo e neng e tla gonne Bajuda ba ne ba fularetse Jehofa mme ba tseneletse thata mo go obameleng medimo ya disetwa. Ba ne ba tseneletse mo kobamelong e e maswe ya tlhakanelodikobo mo mafelong a a kwa godimo, mme ba isetsa medimo ya baheitane ditlhabelo tsa dino, ba obamela letsatsi le ngwedi le dinaledi, ba tshubela Baale maswalo, le go isetsa Moleke bana ba bone ditlhabelo.—1 Dikgosi 14:23, 24; Yeremia 6:15; 7:31; 8:2; 32:29, 34, 35; Esekiele 8:7-17.
Mo matlhong a bone Jeremia e ne e le motho yo o buang dikgang tsa matlhotlhapelo fela, yo o feteletsang dilo, yo o sa kgotsofadiweng ke sepe lefa e le ke ope. Jeremia o ne a setse a ile a nna a ba tlhagisa ka dingwaga di le 38; baagi ba Jerusalema ba ne ba ile ba mo sotla ka dingwaga di le 38. Go fitlha ka nako eno, batho ba ne ba ntse ba tlhokomologa Jehofa, ba bolela gore e ne e se mongwe yo o nonofileng gore ba ka itshwenya ka ene. Ba ne ba re: “Yehofa ga a ketla a diha molemō, le gōna ga a ketla a diha boshula” gape ba re, “Yehofa o latlhile lehatshe, ebile Yehofa ga a bone.”—Sefania 1:12; Esekiele 9:9.
Moperofeti Jeremia le moperofeti Esekiele ba ne ba ntse ba rera gore Jerusalema e tlile go senngwa mme go ne go ise go diragale sepe. Ka jalo Baiseraele ba ne ba latola gore ga go epe ya diponatshegelo tseo e e neng e tla diragadiwa mo motlheng wa bone, ka go bolela jaana: “Metlha e ea boleleñ me pōnatshègèlō ñwe le ñwe e ea hèla.” Mme Jehofa o ne a araba seno jaana: “Malatsi a atametse . . . Gonne nna ke Yehofa: ke tla bua, me lehoko ye ke le buañ le tla dihadiwa: ga le ketla le tlhōla le diiwa: gonne mo metlheñ ea lona, lona ba lekgotla ye le borukhutlhi ke tla bua lehoko, ke ba ke le dihahatsa.”—Esekiele 12:22-25.
Nako ya ga Jehofa ya go diragatsa lefoko la gagwe e ne e gorogile ka 609 B.C.E. Motse wa Jerusalema o ne wa dikaganyediwa ke baba ba Bababelona, morago ga fa Jeremia a sena go ba tlhagisa ka dingwaga tse di ka nnang masome a le manè. Lorako lo ne lwa thubiwa morago ga dikgwedi di le lesome le borobedi, tempele e ne ya tshubiwa, mme bontsi jwa batho bo ne jwa isiwa botshwarwa kwa Babelona. Fela jaaka go ne go boleletswe pele, motse oo o ne wa senngwa ka lerumo le tlala le kgogodi.—2 Dikgosi 25:7-17; 2 Ditihalō 36:17-20; Yeremia 32:36; 52:12-20.
Jeremia o ne a buile sentle. Batho ba ne ba le phoso. Ba ne ba thanya lo le tsebeng! Ponatshegelo eo e ne e sa salelwa ke dingwaga di le dintsi. E ne e le ya motlha wa bone.
Seno ga se hisitori fela. Seo se neng sa diragalela Jerusalema se ne se boleletswe pele. Se ne se tshwantshetsa sengwe kwa pele. Labokeresete wa motlha ono o ipitsa ka leina la ga Keresete ebile o iphaka fa o na le kgolagano le Modimo; lefa go le jalo o itsamaela fela mo dikgatong tsa Jerusalema wa bogologolo. Ka kakaretso fela, dikereke tsa Labokeresete di ruta dithuto tsa boheitane, di tletse leswe la boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo, di etelela pele dithulaganyo tsa dipolotiki, di tshegetsa dintwa tsa lefatshe, di ruta thutotlhagelelo go na le go tlhaola Modimo jaaka Mmopi, di itlhokomolosa masea a le dimilione a a iseng a tsholwe a a ntshiwang ditlhabelo mo aletareng ya seipato sa gore a tla kgoreletsa, mme ka kakaretso fela ba tsaya botlhale jwa batho, ba boela fa Bibela e le dikgannyana le mainane fela.
Fela jaaka batho ba Jerusalema ba ne ba sotla Jeremia, Labokeresete le yone gompieno e sotla Basupi ba ga Jehofa. Tlhagiso ya Basupi e e kaga tshenyego e e tla nnang gone ka HaraMagedona e lejwa e se sepe. ‘Modimo ga o kgatlhegele lefatshe,’ go bolela jalo Labokeresete. ‘A a buse legodimo; rona re tla busa lefatshe. Mme fa e le gore Hara–Magedona e e tla, ga e ne e nna mo motlheng wa rona. Eo kgang re kile ra e utlwa. Ga re tle go tsiediwa ka seo!’
A hisitori fano e tla ipoeletsa? A e tla nna nako e nngwe gape e mo go yone dimilione tsa batho di tla thanyang lo le tsebeng?