‘Di Molemo Jaaka Dilo Tseo di Kaelang Mokgwa wa go Tshela wa Letsatsi le Letsatsi’
Ke seo mosadi mongwe go tswa kwa Toronto, kwa Canada, a neng a se bolela ka dikgatiso tsa Watch Tower Bible and Tract Society. “Ke ipelela go di bala mme ke fitlhela dintlha tse di mo teng di neela tshedimosetso e kgolo, di itumedisa pelo, ebile mo godimo ga tsotlhe di molemo thata jaaka dilo tseo di kaelang mokgwa wa go tshela wa letsatsi le letsatsi.”
O ne a oketsa jaana: “Ke sealogane sa yunibesithi, mme tota ke tshwanetse go dumela jaana ka kgakgamalo gore ke ithutile go le gontsi ka dikgatiso tsa lona go gaisa seo ke neng ka se ithuta mo dingwageng tsotlhe tsa me tsa fa ke ne ke ithuta. Thatathata ke itumeletse buka ya lona ya Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago go Itumedisa. Ga go na dikgatiso dipe tse dingwe tseo di ileng tsa kgona go ama botshelo jwa me ka tsela e e molemo thata jaana go gaisa jaaka tsa lona di dira—di nthusitse thata; mme ke lo lebogela seno eleruri.”
Buka e e umakilweng fa godimo, eleng Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago go Itumedisa, e naya dikakantsho tse di tlhamaletseng tseo di thusang go rarabolola mathata mme di dira gore lenyalo e nne leo le itumedisang ka tsela eo Mmopi a neng a ikaeletse gore le nne ka gone. Gore o bone sekaelo seo e leng sa gago, tlatsa foromo e e fano mme o e romele.
Ke tla rata go amogela buka ya khabara e e thata e e nang le ditsebe di le 192 e e reng Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago go Itumedisa. (Kwa ntle ga Repaboliki ya Afrika Borwa, kwalela lekala la lefelo la lona la Watch Tower go bona tshedimosetso. Bona tsebe 2.)