LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 1/15 ts. 32
  • Tsogang! E Tlhotlheletsa Matshelo A Batho

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tsogang! E Tlhotlheletsa Matshelo A Batho
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 1/15 ts. 32

Tsogang! E Tlhotlheletsa Matshelo A Batho

Tsogang! e gatisiwa ka dipuo di le 64, mme go gatisiwa palogare ya di le 12 980-000 mo tokololong nngwe le nngwe. Babadi go tswa mo lefatsheng lotlhe ba a e bala ebile e ba solegela molemo jaaka makwalo a bone a tebogo a senola. Ofisi ya lekala ya Watch Tower kwa Ghana kwa Afrika Bophirima e ne ya amogela dikakgelo tse di latelang:

“Ke mongwe wa babadi ba ka metlha ba makasine wa lona wa Tsogang! wa maemo a a kwa godimo tota o o rutang le o o buang ka Bibela. Dilo tseo di kwadilweng mo makasineng ono di ne tsa ama mokgwa wa me wa botshelo ka ditsela tse dintsi thata! Ke rata go bala makasine ono thata mo e leng gore ke lebala le nako ya go ja nako le nako fa ke amogela sekaelo sa me, lemororo ke le wa Kereke ya Roma Katoliki.”

Re akanya gore go sa kgathalesege gore o leloko la bodumedi bofe, le wena o ka solegelwa molemo ke ditlhogo tse di kgatlhang tota tsa Tsogang!

Ke rata go amogela makasine wa Tsogang! kwa legaeng la me. (Kwa ntle ga Repaboliki ya Afrika Borwa, kwalela lekala la Watch Tower la mo lefelong la lona go bona tshedimosetso. Bona tsebe 2.)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela