LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 1/1 ts. 30
  • O Ne A Bona Pampitshana mo Seporong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Ne A Bona Pampitshana mo Seporong
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 1/1 ts. 30

O Ne A Bona Pampitshana mo Seporong

NGWAGA e ne e le wa 1921. Setlhopha sa banna bangwe bao ba baakanyang seporo sa terena ba ne ba ntse ba tlhatloga le seporo se seleele sa terena mo porofenseng ya Teransefala e e mo thoteng, mo Afrika Borwa. Moeteledipele wa setlhopha seno yo o buang Seaferikanse yo o bidiwang Christiaan Venter, o ne a bona kapetlana ya pampiri kafa tlase ga seporo. E ne e le pampitshana e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society.

Fa a sena go laela banna bano ba gagwe go emisa tiro, Christiaan o ne a bala pampitshana ka kgatlhego e kgolo tota. O ne a sianela kwa go mogwe wa gagwe ebong, Abraham Celliers, mme a anela jaana a itumetse: “Abraham, gompieno ke bone boammaaruri!”

Ka bonako fela morago ga foo, ba ne ba kwalela bagatisi ba pampitshana eo go bona tshedimosetso e e oketsegileng. Fa ba araba, lekala la Mokgatlho wa Watch Tower la mo Afrika Borwa le ne la mo romelela dibuka tse di oketsegileng tsa Bibela. Banna ba babedi bano ba ne ba di ithuta mmogo ka nako ya bone ya boikhutso ya dijo tsa motshegare le bosigo. Ka bonako fela ba ne ba simolola go abalana boammaaruri le ditsala tsa bone le batho fela ba ba sa ba itseng.

Kgabagare, Christiaan mmogo le Abraham ba ne ba fetoga Basupi ba ba ineetseng ba ga Jehofa. Bontsi jwa batho ba mo Afrika Borwa ba ne ba thusega go itse boammaaruri ka ntlha ya fa ba ne ba le tlhaga ebile ba ikanyega. Mo godimo ga moo, ditlogolwana tsa bone tse di fetang lekgolo ke Basupi ba ba tlhaga tota ba ga Jehofa gompieno! Mongwe wa bone o direla kwa diofising tsa ntlokgolo ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa Brooklyn, kwa New York, mme yo mongwe kwa diofising tsa Mokgatlho wa Watch Tower mo Afrika Borwa.

Gompieno, dingwaga tse di ka nnang 70 moragonyana, dipampitshana tsa Bibela di tswelela go nna le seabe sa botlhokwa mo go anamiseng molaetsa wa Bogosi.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela