LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 1/1 ts. 8-9
  • “Bōnañ, Monna Ke Eo!”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Bōnañ, Monna Ke Eo!”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Bōnañ, Monna Ke Eo!”
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • “Bonang! Ke Ene Yo!”
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Ponto Pilato E ne E le Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Go Tswa kwa go Pilatwe go Ya kwa go Herode le go Boela kwa go Ene Gape
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 1/1 ts. 8-9

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

“Bōnañ, Monna Ke Eo!”

EREKA a ne a kgatlhilwe ke boitsholo jwa ga Jesu ebile a lemoga gore ga a na molato, Pilatwe o batla tsela e nngwe gape ya go mo golola. “Me lona e ne e re go le Tlolaganyō, lo na le tèmalō ea go re,” a bolelela boidiidi joo jwa batho, “ke lo gololèlè moñwe.”

Barabase, mmolai yo o itsegeng thata o mo kgolegelong, ka jalo Pilatwe o ba botsa a re: “Lo rata ka lo gololèla mañ? A Barabase, kgotsa Yesu eo go tweñ Keresete?”

Batho ba kopa gore go gololwe Barabase, mme Jesu a bolawe gonne ba tlhotlheleditswe ke baperesiti ba bagolo bao ba tsositseng kgoberego eno. A sa ineele, Pilatwe o araba ka go ba botsa jaana: “Lo rata ka lo gololèla ohe mo bobediñ yo?”

“Barabase,” ba tlhaeletsa jalo.

“Me hoñ Yesu eo o bidiwañ Keresete ke tla mo reñ?” Pilatwe o botsa jalo a tlaletswe.

Ba araba jaana ka modumo o mogolo o o thibanyang ditsebe: “A a bapolwè, a a bapolwè.”

Pilatwe o ba kopa jaana ka a itse gore ba batla gore monna yo o senang molato a bolawe: “Ka ntlha ea eñ? Monna eo, o dihile boshula bohe? Ga kea bōna molato opè o o chwanetseñ losho mo go èna; ke gōna ke tla mo kgwathisañ, ke itse go mo golola.”

Go sa kgathalesege maiteko ao a a dirang, boidiidi joo jwa batho jo bo shakgetseng, joo bo tlhotlhelediwang ke baeteledipele ba bodumedi, bo nnela go tlhaeletsa bo re: “A a bapolwè.” Boidiidi joo jwa batho bo batla go tsholola madi gonne bo tlhakantswe tlhogo ke baperesiti. Mme fa o akanya sentle, o tla gopola gore ke malatsi a le matlhano fela a a fetileng fa bangwe ba bone ba ne ba amogela Jesu jaaka Kgosi mo Jerusalema! Mo nakong yotlhe eno, barutwa ba ga Jesu, fa e le gore ba ne ba le gone ba didimetse fela ebile ga ba bonale!

Fa Pilatwe a bona gore kopo ya gagwe ga e thuse sepe, mme go na le moo go tsoga khuduego, o tsaya metsi mme o tlhapa diatla tsa gagwe fa pele ga boidiidi joo jwa batho a bo a ba raya a re: “Ga ke na molato mo madiñ a monna eo o siameñ eo: go itse go na le lona koñ.” Fa a rialo batho ba araba ba re: “Madi a gagwè a a nnè mo go rona, le mo baneñ ba rona.”

Ka jalo, fa a dira go ya kafa ba batlang ka gone—le ka a ne a batla go kgotsofatsa boidiidi joo jwa batho go na le go dira seo a itseng gore se siame—Pilatwe o ba gololela Barabase. O tsaya Jesu mme o laela gore a apolwe mme a kgwathisiwe. Gono e ne e se go kgwathisiwa fela go go tlwaelegileng. The Journal of the American Medical Association e tlhalosa tiro eno ya Baroma ya go kgwathisa jaana:

“Gantsi go ne go dirisiwa semenyana se sekhutshwane (kala ya setlhare) se se neng se otlhilwe ka dikgojana tsa letlalo tse di sa lekalekaneng ka boleele, tseo di neng di gokeletswe dikgolokwenyana tsa tshipi kana maratswana a a motsu a nku fale le fale. . . . Fa masole a Baroma a ne a betsa motho yo o molato ka maatla mo mokwatleng kgafetsakgafetsa, dikgolokwane tsa tshipi di ne di dira matsadi a matona, mme dikgojana le maratswana a nku di ne di sega letlalo le nama e e kafa tlase. Mme fa ba ntse ba itaya dintho tse di obogileng jalo ba ne ba gagola mesifana ya marapo ba bo ba tlogela motho a le dinama tse di lepeletseng tse di tshologang madi.”

Fa a sena go bediwa botlhoko jalo, Jesu o tsenngwa mo ntlong ya segosi ya mmusi yono, mme go bidiwa setlhopha se se feletseng sa masole. Fa a le koo masole a nnela go mo sotla ka go mo direla serwalo sa mitlwa le go se patelela go tsena mo tlhogong ya gagwe. Ba mo tsenya letlhaka mo seatleng mme ba mo apesa seaparo se se bohibidu jo bo mokgona, mofuta wa seaparo se se aparwang ke batho ba segosi. Ba bo ba bolela jaana ba mo sotla: “Dumèla Kgosi ea Bayuda!” Gape ba mo kgwela mathe le go mo itaya mo sefatlhegong. Ba tsaya letlhaka le le omileng leo ba mo itaya mo tlhogong ba dira gore a tlhajwe mo tlhogong ke mitlwa e e motsu ya “serwalō” se ba neng ba mo sotla ka sone.

Tsela ya tlotlo eo e e tlhomologileng eo Jesu a itshwarang ka yone le nonofo ya ga gagwe fa a ntse a sotliwa jaana e kgatlha Pilatwe mo a batlang go leka gape go mo golola. “Bōnañ, ke mo ntshetsa kwano go lona, gore lo itse ha ke sa bone molato opè mo go èna,” o bolelela boidiidi joo jwa batho jalo. Gongwe o akanya gore dipelo tsa bone di tla nolofala fa ba bona Jesu a sotlilwe ka tsela e e ntseng jalo. Fa Jesu a ntse a eme fa pele ga boidiidi joo jwa batho jo bo setlhogo, a apere serwalo sa mitlwa le seaparo sa kafa ntle se se bohibidu jo bo mokgona le sefatlhego sa gagwe se le botlhoko ke ditlhabi, Pilatwe o tlhaeletsa jaana: “Bōnañ, monna ke eo!”

Lemororo a tletse matsadi ebile a beditswe botlhoko, fano go eme motho yo o tlhomologileng thata mo hisitoring yotlhe, eleruri monna yo mogolo go gaisa yo a kileng a tshela! Ee, Jesu o itshupa e le motho yo o tlotlegang le yo o ritibetseng ka tsela e e dirang gore Pilatwe a dumele fa a le mogolo, gonne mafoko a gagwe a lebega a supa fa a tlotla ebile a le kutlwelobotlhoko. Yohane 18:39–19:5; Mathaio 27:15-17, 20-30; Mareko 15:6-19; Luke 23:18-25.

◆ Pilatwe o leka go golola Jesu ka tsela efe?

◆ Pilatwe o leka go tlosa boikarabelo joo mo go ene jang?

◆ Go kgwathisiwa ga gagwe go dirwa ka tsela e e ntseng jang?

◆ Jesu o sotliwa jang fa a sena go itewa?

◆ Pilatwe o leka go dira maiteko afe gape go golola Jesu?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela