“Dikeledi tsa ka Ntlha ya Boitumelo”
“KE LELA dikeledi tsa ka ntlha ya boitumelo ka ke fetsa go bala setlhogo ‘Ka Moo O Ka Thusang Ba Ba Tshwenyegileng Thata mo Boikutlong go Bona Boipelo Gape.’” (Tora ya Tebelo March 15, 1990, ditsebe 26-30) Longwe lwa makwalo a mantsi a a supang kanaanelo a a amogetsweng ke Mokgatlho ka ditlhogo tse di kaga go tshwenyega mo boikutlong mo ditokololong tsa March 1, le March 15, 1990 lo ne lwa simolola jalo. Lefa go ntse jalo, mafoko ano a ne a tswa kwa kgaitsading mongwe wa kwa Japane yoo morwawe yo mmotlana a neng a tsenwa ke schizophrenia bosheng jaana. O tlhalosa jaana:
“Ka dinako dingwe ke ikutlwa ke lapile mo ke sa tlholeng ke batla go tswelela, ka ke tshwanela go gomotsa le go kgothatsa moya o o tshwenyegileng letsatsi le letsatsi. Fa go nna lefifi, morwaake o simolola go tsenwa ke poifo le go tshwenyega. Ka jalo ke mo naya dipilisi tsa boroko ke bo ke nna fa thoko ga bolao jwa gagwe ke phoraphora diatla tsa gagwe ke baya seatla sa me mo phatleng ya gagwe go fitlha a tshwara boroko. Go tshwana fela le go robatsa losea mo bolaong, mme morago ga mo e ka nnang oura e le nngwe, o ya ka boroko. Ke yone nako e ke gololesegang ka yone, mme ke ipolelela gore moso o o latelang o tlile go lere letsatsi le lengwe le ke tshwanetseng go le itshokela.
“Morwaake o bolela jaana, ‘Ga ke thuse sepe. Ga go na tsholofelo epe ka nna.’ Letsatsi le letsatsi o botsa jaana ka kutlobotlhoko ‘A bolwetsi jwa me bo tla fola? Ke tla tlogela leng go nwa melemo? Botshelo jwa mofuta ono bo tla khutla leng?’ Ka dinako tseo ke mmotsa dipotso go fetola go akanya ga gagwe fela jaaka makasine o ne o akantsha, mme seno se mo thusa go nonofa ka selekanyo se se rileng. Mme re boeletsa dilo tse di tshwanang letsatsi le lengwe le le lengwe.
“Go na le dinako tseo morwaake a leletsang bagolwane [ba phuthego ya lefelo la rona] mogala ka tsone mo gare ga bosigo fa a ikutlwa a tshwenyegile thata mme a bo a ba kopa gore ba mo rapelele. Seno se lebega se mo gomotsa tota mme se dira gore tlhaloganyo ya gagwe e kokobele. . . . Ka dinako tse dintsi, boemo jwa morwaake bo nna maswe thata fa monna wa me (yo o sa dumeleng) a tsamaile mo maetong a kgwebo. Fa ke kopa thuso ka mogala, bakaulengwe ba bantsi ba sianela kwa legaeng la rona.
“Ke a lo leboga, bakaulengwe, go tswa botennyeng jwa pelo ya me ka go gatisa ditlhogo tsa mofuta ono nako le nako le go supa gore lo amega ka seo ba ba bokoa ba se tlhokang.”
[Le Saennwe] H. H.