Kafa Jehofa A Tsweledisang Tiro Ya Gagwe Pele Ka Gone
MO DINGWAGENG tse di lesome tsa bosheng jaana Basupi ba ga Jehofa ba ile ba oketsega tota. Mo dingwageng di le lesome fela tse di fetileng, ba ile ba oketsega go tloga go diphuthego di le 42 600 go ya go di le 60 192 mo dinageng di le 212. Bangwe ba ne ba botsa jaana mabapi le seno: Tiro ya Basupi e bona kae madi? Mokgatlho wa Watch Tower o itumelela go araba potso eo le tse dingwe tse di tshwanang le yone mo setlhogong seno.
A Basupi ba ga Jehofa ba ntsha tsa bosome?
Nnyaa. Kwa Iseraeleng wa bogologolo Molao wa ga Moshe o ne o laela gore go ntshiwe tsa bosome gore go tshegediwe badiri ba kwa tempeleng ya Modimo, Balefi le baperesiti. (Dipalō 18:21, 24-29) Ba ne ba sena metse ya ditso tsa bone kwa ntle ga metsemegolo, ka jalo ba ne ba tlhoka go tshegediwa ka tsela e e kgethegileng. Mo godimo ga moo, Baiseraele ba ba ikanyegang ba ne ba gololesegile go ba naya meneelo ya boithatelo fa go ne go na le dilo dingwe tse di kgethegileng tseo di neng di tshwanetse go dirwa jaaka fa go ne go agiwa motlaagana mme moragonyana tempele.—Ekesodo 25:1-8; 1 Ditihalō 29:3-7.
Lefa go ntse jalo, Bibela e bolela gore Jesu fa a ne a swa ‘o ne a nyeletsa molao wa ditaolo tse di neng di eme mo ditaong.’ (Baefesia 2:15; Bakolosa 2:13, 14) Ka mafoko a mangwe, mo matlhong a Modimo, Bajuda kana Bakeresete ba ne ba sa tlhole ba tshwanela go ikobela Molao. Ka gone, dikarolo tse dingwe tsa Molao, jaaka ditlhabelo tse di neng di dirwa ka metlha kwa tempeleng, go ntsha tsa bosome, di ne di sa tlhole di tlhokega mo go bao ba ikanyegang bao.
Seo se tlhotlheletsang Bakeresete go aba ke lorato eseng molao. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa molaomotheo oo fa a ne a rulaganyetsa gore Bakeresete ba ba kwa Judea ba kgobokanyediwe dilo. O ne a bolela jaana: “A motho moñwe le moñwe a dihè kaha o ikaeletseñ mo peduñ ea gagwè ka gōna; e señ ka go ñōñōrèga, leha e le ka patèlèlō: gonne Modimo o rata eo o abañ ka pelochweu hèla.” (2 Bakorintha 9:7) Basupi ba ga Jehofa ba dira mokgwa ono wa Dikwalo wa go aba ka boithatelo.
A lo dirisa mokgwa wa go kgobokanya matlole ka go apaya dijo le go di rekisa, wa dienfelopo tsa koleke, lo tsamaya lo kopa madi, le ditsela tse di tshwanang le tseo tsa go kgobokanya madi?
Nnyaa, Bakeresete ba boammaaruri ga ba patelediwe kana ba tsiediwa ka go bolelelwa ka dikgele tse ba ka nnang ba di gapa. Ditlhopha tsa bodumedi tse di dirisang bingo, dibasara, dirafole, meletlo, go hirisa ditulo, kana go tsamaisa sejana sa koleke di itshenola gore ga di a naya batho ba jone dijo tsa semoya, ka jalo moya wa Modimo ga o tlhotlheletse batho ba ba tsenang kereke ya jone gore ba abe madi fela ka go rata. Go ka bolelwa selo se se tshwanang ka bao ba santseng ba dirisa mokgwa wa bogologolo wa go ntsha tsa bosome.—Mathaio 10:8.
Lo bona kae madi a a dirang ditiro tsa go aga Diholo tse disha tsa Bogosi le diofisi tsa makala, mmogo le go atolosa ntlokgolo ya lona ya lefatshe e e kwa Brooklyn le kwa Patterson, kwa New York?
Jehofa o tshololela Basupi ba gagwe moya o o boitshepo, a ba kgonisa gore “ba dihè molemō, ba humè ditihō tse di molemō, ba iketleeletsè go aba, ba itumèlèlè go abalana. Ba nntse ba ipeèlèla motlha o o tlañ mothèō o o molemō, gore ba tlè ba chwarè botshelō yo e leñ botshelō rure.” (1 Timotheo 6:18, 19) Moya ono o tlhotlheletsa Basupi ba ga Jehofa go tshegetsa tiro ya Bogosi ka ditsela tsotlhe.
Ka sekai, ka 1989, Basupi ba le 3 787 188 mo dinageng di le 212 ba ne ba senya dioura di le 835 426 538 ba ruta ba bangwe Lefoko la Modimo. Mme ba ne ba tshwara dithuto tsa Bibela tsa ka metlha tsa legae di le 3 419 745 le batho ba ba kgatlhegang. Ditshenyegelo dipe fela tseo di neng tsa nna gone mo tirong eno di ne tsa duelwa ke batho ba ba neng ba dira tiro eo. Jehofa o ne a duela tiro ya bone ka Basupi ba basha ba le 263 855 ba ba kolobeditsweng bosha. Basupi le batho ba ba kgatlhegang ba tlhotlhelediwa ke moya o o tshwanang wa go aba go tshegetsa tiro eno ka madi. Kwantle ga go thusa go duela ditshenyegelo tsa phuthego ya mo lefelong la bone, ba tshegetsa tiro epe fela ya go aga e e tlhokegang, jaaka go kgabisa kana go oketsa Holo ya Bogosi kana Holo ya Kopano kana go aga e nngwe e ntšha. Ngwaga mongwe le mongwe, go agiwa Diholo tse dintsi tsa Bogosi, ka ntlha ya koketsego mme dingwe tsa tsone di batla makgolokgolo a diketekete tsa diranta. Basupi ba mo lefelong leo ba duela ditshenyegelo ka meenelo ya boithatelo le ka go tla go dira.
Mo godimo ga moo, mo dinageng tse dintsi go ile ga tshwanela gore go atolosiwe mafelo a go gatisa le a diofisi mmogo le dikago tsa bonno—kana go agiwe tse disha—gore badiri ba bone bonno le dilo tse dingwe tseo phuthego e e golang eno e di tlhokang. Tseno le tsone di tshegediwa ka meneelo ya boithatelo le ka go dira, fela jaaka dikago le ditiro tsa go ntlafatsa tse di dirwang kwa Brooklyn le kwa Patterson, kwa New York. Koo go kgonegang gone Basupi ba mo lefelong leo ke bone ba duelelang kago eo. Ka dinako tse dingwe Mokgatlho wa Watch Tower o rulaganyetsa gore makala a bone thuso—ya madi mmogo le ya badiri ba ba itseng tiro sentle—go tswa kwa dinageng tse dingwe. Ka gone kaelo ya Mokgatlho e dira gore go “lekalekanè.”—2 Bakorintha 8:14.
Ke ka ntlha yang fa lo sa nne le dikokelo kana ditleliniki kana lo nne le seabe mo tirong ya go thusa batlhoki le ditirelo tse dingwe fela tsa loago jaaka ditlhopha tse dingwe tse dintsi tsa bodumedi di dira?
Basupi ba ga Jehofa ba thusa ka bonako fa go nna le dikotsi kana fa morago ga ntwa kana fa go tlhagile kotsi ya tlholego fela fa ba kgona. Ebile tota, gantsi ke bone ba ntlha go goroga kwa lefelong leo ka dijo, diaparo, le baithaopi go tla go thusa ka go aga sesha. Lefa go ntse jalo Basupi ba ga Jehofa ga ba na dikokelo kana ditleliniki, fela jaaka ba sena maphata a ditimamolelo kana ditlhopha tsa mapodisi, tseo boikaelelo jwa tsone eleng go boloka botshelo.
Ke badihedi ba ba ineetseng ba efangele, mme tiro ya bone ke go rera le go ruta mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe gore e nne bosupi mo merafeng yotlhe pele bokhutlo bo tla. (Mathaio 24:14) Fela jaaka Jesu a ne a bolela, tiro ya go roba e kgolo mme badiri ba babotlana. Ga ba ne ba itshwarelwa fa ba ka tlogela go dira tiro eno e e botlhokwa go gaisa tsotlhe mme ba dira ditiro dipe fela, lefa di ka bolelwa di le molemo go le kana kang.—Mathaio 9:37, 38.
Jaaka go diragala, Basupi ba sekae ba ga Jehofa ke dingaka, baoki, le ba ba dirang tiro ya go thusa mo dikokelong. Mme ba leba tiro eno jaaka tiro e nngwe mo godimo ga ya bone e kgolo, eo e leng bodihedi jwa Bokeresete.
A go na le ope fela wa baokamedi kana maloko a Mokgatlho wa Watch Tower yo o dirang madi ka tiro eno ya lona e kgolo ya go gatisa?
Re a re nnyaa, re gatelela! Kafa molaong, Mokgatlho ke lekgotla le le sa direng poelo epe. Ga go na ope yo o nang le disetoko, yo o bonang poelo ya dishere, kana yone tuelo. Modihedi mongwe le mongwe kwa ntlokgolo, go akaretsa le mookamedi wa Mokgatlho le batsamaisi, ba ikanne ka molao gore ba tla nna ba humanegile. O bona dijo, bonno, le tlhokomelo e e tlhokegang ya kalafi, mmogo le madinyana a mannye a go duela ditshenyegelo tse dinnye. Fa Mosupi a tsaya loeto a romiwa ke Mokgatlho, gantsi o duelwa ditshenyegelo tsa gagwe.
Mo godimo ga moo, ga go na gope mo lefatsheng koo badihedi ba rona ba duedisang batho fa ba ba nyadisa, ba ba kolobetsa kana kwa diphitlhong. Le gone ga go duelwe sepe ebile ga go kolekiwe sepe kwa dipuong tsa rona tsa phatlalatsa kana kwa dikopanong tsa rona.
Ereka go se ka go tsamaisiwa sejana sa koleke, diphuthego tsa lefelo leo di bona jang meneelo ya go duela ditshenyegelo?
Go na le mabokoso a meneelo mo Diholong tsa Bogosi gore batho ba ntshe meneelo fela ka go rata fa ba batla jalo. (2 Dikgosi 12:9) Meneelo yotlhe, e le megolo kana e le mennye, e a anaanelwa. (Mareko 12:42-44) Gangwe ka ngwaga, modihedi yo o tlhokomelang madi a phuthego o balela phuthego boemo jwa madi a ba bolelela meneelo yotlhe eo e ntshitsweng, ditshenyegelo, le meneelo eo phuthego e e isitseng kwa Mokgatlhong wa Watch Tower go tshegetsa tiro ya lefatshe ka bophara ya go rera le ditiro tse dingwe.
Fa batho ba tlhaloganya thulaganyo eno, ba gololesegile go nna le seabe mo go yone fa ba eletsa jalo, mongwe le mongwe “kaha a bonyeñ go bapala ka gōna.” (1 Bakorintha 16:2) Seno ke seo se dirwang mo go nngwe le nngwe ya diphuthego tse di fetang 60 000 tse di mo lefatsheng ka bophara.
Ka Pentekosete Bakeresete ba pele ba ne ba tlhakanetse dilo tsotlhe. A Basupi ba ga Jehofa ba dira seno?
Go ne ga nna le maemo a tshoganyetso morago ga Pentekosete 33 C.E. fa Bajuda ba ba tswang kwa mafelong a a kgakala bao e neng e le gone ba sokologelang mo Bokereseteng ba ne ba nna mo Jerusalema gore ba kgone go bona lesedi le le oketsegileng la semoya. Ba ne ba tlhoka go newa bonno le dijo ka nakwana; ka gone Bakeresete ba mo lefelong leo ba ne ba rekisa dithoto tsa bone ka go ithatela mme ba kgaogana se ba se boneng ka go lekana gore ba kgone go itlamela ka lobaka loo ba neng ba tla lo nna mmogo loo. (Ditihō 2:1, 38-47; 4:32-37) Go ne go sena ope yo a neng a patelediwa go rekisa kana go aba. (Ditihō 5:1-4) Go tlhakanela dilo gono e ne e se bokomonisi, jaaka ba bangwe ba akanya. E ne e le thulaganyo ya nakwana fela. Fa Bakeresete bao ba sena go boela kwa magaeng a bone seo se ne sa khutla.
A lo ruta gore go aba dilo tse di bonalang ke tsela nngwe ya go letlanya dibe?
Legoka! Bibela e bolela jaana: “Lo nntse lo itse ha lo rekolocwe mo mokgweñ oa boithamakō oa go tshela ga lona, o lo sa leñ lo o rutwa ke borra eno, ka re, lo rekolocwe e señ ka dilō tse di bōlañ, yaka ka selefera le gouda; Ha e se ka madi a a tlhōkègañ, ekete a kwanyana e e senañ bogōlè, leha e le selabe, eboñ madi a ga Keresete.”—1 Petere 1:18, 19.
Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore poloko e bonwa ka setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo. Ga ba ntshe meneelo ka go ithatela ba lebeletse gore seno se tla ba leretse poloko. Lefa go ntse jalo, ba itse gore go tlhokega madi a mantsi go phasalatsa mafoko a a molemo a lefatshe je lesha la Modimo la tshiamo. (2 Petere 3:13) Mme ba akanya gore go nna le seabe mo go boleleng gono ke tshiamelo e ba e newang ke Jehofa.
Kgosi Dafide o ne a rapela jaana fa a ne a ntshetsa tempele ya ga Jehofa eo e neng e tlile go agiwa ke morwawe Solomone moneelo o mogolo: “Bogolo ke yoa gago, Yehofa, le thata, le kgalalèlō, le phenyo, le borèna: gonne cotlhe tse di kwa legodimoñ le tse di mo lehatshiñ ke tsa gago . . . Me nna ke mañ, le batho ba me ke bomañ, ha e bo ne ne hano re ntsha dilō ka pelo eotlhe, ka mokgwa o o nnetseñ yana? gonne dilō cotlhe di cwa mo go wèna, me re gu neile mo e leñ ga gago hèla.”—1 Ditihalō 29:11, 14.
Gompieno, Basupi ba ga Jehofa le batho ba bangwe ba ba sekametseng mo bodumeding ba ikutlwa fela jaaka Dafide. Ba itumelela go nna le tshiamelo ya go ntsha meneelo ya go tshegetsa tiro ya go baka Jehofa, ba lemoga gore sengwe le sengwe se ba se ntshetsang tirelo ya gagwe se ntse se tswa mo go ene. Jehofa o segofatsa moya ono, mme ke kafa a tsweledisang tiro ya gagwe ka gone.
[Lebokoso mo go tsebe 23]
KAFA BA BANGWE BA NTSHETSANG TIRO YA BOGOSI MENEELO KA GONE
◻ DIMPHO: Meneelo ya boithatelo ya madi e ka romelwa ka tlhamalalo go Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, 25 Columbia Heights, Brooklyn, New York 11201, kana kwa ofising ya lekala ya Mokgatlho e e mo lefelong la lona. Dithoto tse di jaaka dikago, mmogo le dibenyane kana dilo dingwe tse di tlhwatlhwakgolo, le tsone di ka ntshiwa. Meneelo eno e tshwanetse go tla le lokwalonyana lo lo bolelang gore seno ke moneelo ka tlhamalalo.
◻ THULAGANYO YA MENEELO E E IKAEGILENG KA MABAKA MANGWE: Mokgatlho wa Watch Tower o ka newa madi jaaka terasete, ka tumalano ya gore mong o tla a busediwa fa a a tlhoka.
◻ INSHORENSE: Leina la Mokgatlho wa Watch Tower le ka kwalwa jaaka yo o tla amogelang madi a inshorense ya botshelo kana mo thulaganyong ya go tlogela tiro/phenshene. Mokgatlho o tshwanetse go itsisiwe ka dithulaganyo tseno.
◻ DIWILI: Dikago kana madi a ka nna a newa Mokgatlho wa Watch Tower ka wili e e dirilweng go ya kafa molaong. Mokgatlho o tshwanetse go romelelwa sekaelo sa yone. (Diwili tse di direlwang Afrika Borwa di tshwanetse tsa kwadisiwa ka Jehovah’s Witnesses of South Africa.)
Go bona tshedimosetso e e oketsegileng le kgakololo ka dikgang tseno, kwalela Treasurer’s Office, Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, Private Bag 2067, Krugersdorp, 1740, kana ofisi ya mo lefelong la lona ya Mokgatlho.
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Karolo ya lefelo le le santseng le agiwa la go rutela Bibela la Basupi ba ga Jehofa kwa Patterson, kwa New York
[Ditshwantsho mo go tsebe 25]
Jehofa o tsweledisa tiro ya go aga e e dirwang ke batho ba gagwe bao ba ntshang meneelo ka go ithatela