LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 9/15 ts. 23
  • Boitsholo jo bo Kgabisang Thuto ya Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boitsholo jo bo Kgabisang Thuto ya Modimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Phuthego e Agiwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Go Diragatsa Bodihedi Jwa Rona Jwa Bogosi mo Phuthegong
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Ikanyege mo Dilong Tsotlhe
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Phuthego e Rulagantswe Jang?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 9/15 ts. 23

Boitsholo jo bo Kgabisang Thuto ya Modimo

Bosheng jaana, batsamisi ba khampani nngwe kwa Caracas, kwa Venezuela, ba ne ba kwalela bagolwane le batlhanka ba bodihedi ba phuthego e e gaufi le bone ya Basupi ba ga Jehofa lekwalo. Ba ne ba kwala jaana mo go lone: “Re utlwile dilo tse di molemo ka batho ba bodumedi jwa lona gore ba na le boikarabelo ebile ba a ikanyega. Lebaka leo ke lone leo le re dirang gore re lo kwalele. Ereka re tlhaela badiri gone jaanong, re tlhoka batho ba babedi go tla go tlatsa diphatla tse pedi tse di latelang ka bonako: mokgweetsi a le mongwe mme e nngwe ke ya mookamedi wa ntlo ya bobolokelo. Re tla anaanela thata tshedimosetso e lo ka re e neelang ka mongwe fela mo phuthegong ya lona kana e e fa gaufi. Eleruri ga re batle go thapa batho ba e seng Basupi. Tswee tswee, re itsiseng lefa go sena ope, ereka re tlile go leta karabo ya lona pele re dira tshwetso epe fela.”

Fa ba sena go bona lekwalo leno le le neng le le kafa tlase ga lebati la Holo ya Bogosi, mongwe wa bagolwane ba phuthego eo o ne a etela mong wa khampani eno. Mong yono o ne a setse a kile a dirisana le Basupi ba ga Jehofa ka dingwaga di le 15 mme o ne a sa gakologelwe a kile a nna le mathata ape a a masisi ka badiri ba gagwe ba Basupi. O ne a re ke badiri ba ba tlhoafetseng, ba ba nang le boikarabelo, ba ba ikanyegang, le ba ba dirang ka natla. Morago o ne a oketsa jaana: “Ke a itse gore ga lo lese batho ba ba dirang boleo fela, mme lo a ba kgaola. Seo se supa gore phuthego ya lona ga e batle go itsalanya le batho ba ba ntseng jalo.”

Boitsholo jo bo ntseng jalo bo kgabisa thuto ya Modimo. (Tito 2:10) Bo nna gone ka ntlha ya go nna le keletso ya mmatota ya go kgomarela melaometheo ya boitsholo e e mo Bibeleng ka tlhoafalo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela