Pego ya Baboledi ba Bogosi
Go Tswa mo go Tshwenyegeng Thata mo Boikutlong go ya Boitumelong
JEHOFA ke Modimo o o itumetseng. (1 Timotheo 1:11, NW) O batla gore ba ba mo direlang le bone ba itumele. Ka gone, fa mongwe wa batlhanka ba gagwe a tshwenyegile thata mo boikutlong, Jehofa o tla mo thusa go itshokela botlhoko joo mme ka dinako dingwe a bo a mo thuse go bona moya wa boitumelo gape. Boitemogelo jo bo latelang jo bo tswang kwa Uruguay bo supa seno.
Kgaitsadi mongwe o ne a emetse maduo a ditlhatlhobo tsa X-ray mo kilineking nngwe mo Montevideo. Mosadi yo a neng a ntse fa thoko ga gagwe o ne a tshogile tota ka se ngaka e ka nnang ya se bua ka ntlha ya ditlhatlhobo tse a di dirilweng. Kgaitsadi o ne a mmolelela gore fa esale a nna Mosupi wa ga Jehofa ga a ise a ko a tlhole a boifa sepe. Lefa go ntse jalo, mosadi yono o ne a bolela gore ga a rate Basupi ka gonne ba ne ba beetse batho ditekanyetso tse di kwa godimo fela thata.
Jaanong kgaitsadi o ne a mmolelela kafa go itse boammaaruri jwa Bibela go neng ga mo thusa ka gone. O ne a tlhokafalelwa ke morwadie wa dingwaga di le 18 mme o ne a tshwenyega thata mo boikutlong ka dingwaga di le robedi. Dingaka tsa tlhaloganyo lefa e le melemo ya madi a a kwa godimo ga di a ka tsa mo thusa go fenya go tshwenyega thata mo boikutlong gono. O ne a bolela gore o ne a tlhola a robaditswe kwa kokelong, mme a sa tokafale. Ntlo ya gagwe e ne e tlhokomelwa ke badiri fela ka gonne a ne a sa kgone go dira sepe. O ne a leka go ipolaya ka a ne a sa tlhole a batla go tshela. Go ne go se sepe se se thusang.
Morago o ne a bolelela mosadi yono gore, letsatsi lengwe Basupi ba ga Jehofa ba ne ba nketela mme ba ntlogelela dibuka dingwe tsa Bibela. Seno se ne sa dira gore a kgatlhegele Lefoko la Modimo, mme o ne a simolola go bala Bibela go tloga ka nako eo. Sengwe se ne sa simolola go fetoga mo go ene. O ne a simolola go tsoga mo mosong le go kgatlhegela go dira mo legaeng la gagwe. Kgabagare o ne a swetsa gore o tla itlhokomelela ntlo ya gagwe mme o ne a bona a kgona go dira jalo. E ne ekete ga a ise a ko a lwale! Seno se ne sa mo itumedisa tota.
Ga a ise a ko a tlhole a boela gape kwa ngakeng ya tlhaloganyo. Kitso ya Lefoko la Modimo e ne ya mo tlhotlheletsa gore a batle go tshela, mme e ne ya itshupa gore ke molemo o o gaisang. O ne a batla Basupi ba ga Jehofa, mme ba ne ba simolola go ithuta le ene ka metlha. O ne a simolola gape go ya kwa dipokanong, mme o ne a kolobediwa ka bonako. Ga a tlhole a tshwenngwa ke go tshwenyega mo boikutlong, mme o ipelela go direla Jehofa.
Mosadi yo o mo ntlwaneng eno e go letiwang mo go yone o ne a reetsa ka tlhoafalo. Morago a bo a raya kgaitsadi a re: “Ke ne ke ntse ke kopana le Basupi ba ga Jehofa ka makgetlonyana; mme fa e le gore nka nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mo isagweng, e tla bo e le ka ntlha ya se o sa tswang go se mpolelela. Ekete ke simolola go bona lesedinyana mo lefelong le le lefifi fa ke ntse ke go reeditse.”
Batho ba le bantsi mo lefatsheng lotlhe ba bona go seng mosola ga go leka go itharabololela mathata a botshelo ka bobone, mme ba retologela kwa go Jehofa Modimo. Abo ba itumela jang ne fa ba utlwa ka lefatshe je lesha je le tlang la Modimo koo mongwe le mongwe a tla bong a itumetse, le go tshwenyega mo boikutlong go tla bong go seyo!—Diane 16:20.