‛Mebele E Le Mentsi ya Baitshepi ya Tsosiwa’
“LEHATSHE ya roroma; le mahika a phatlo-ga; Le diphupu tsa atlhamologa; le mebe-le e le mentsi ea baitshepi ba ba neñ ba robetse, ea cosiwa; Me ba cwa mo diphupuñ moragō ga go coga ga gagwè, ba tsèna mo motsiñ o o boitshèpō, ba bōnwa ke batho ba le bantsi.” (Mathaio 27:51-53) Mokanoki wa Mokatoliki Karl Staab o bitsa tiragalo eno e e neng ya diragala fa Jesu a ne a swa a re ke “e e gakgamatsang tota.” Go ne ga diragala eng?
Epiphanius le Borre ba bangwe ba pele ba Kereke ba ne ba ruta gore baitshepi ba ne ba tsosiwa ka mmatota mme ba ya le Jesu yo o tsositsweng kwa legodimong. Augustine, Theophylactus, le Zigabenus ba ne ba dumela gore baswi bano ba ne ba tsosiwa ka nakwana mme moragonyana ba ne ba busediwa mo mabitleng a bone. Lefa go ntse jalo, kgopolo eno ya moragonyana, “ga e a ka ya dumelwa thata,” go akgela jalo mokanoki Erich Fascher. Dithanolelo tse dintsi tsa segompieno tsa Bibela fa di ranola Mathaio 27:52, 53, di bua jaaka ekete tsogo ya baswi e ne ya diragala. Mme eseng New World Translation, ka go bo yone e bua ka se se diragalang fa go na le thoromo ya lefatshe. Ka ntlhayang?
Sa ntlha, go sa kgathalesege gore “baitshepi” bao e ne e le bomang, Mathaio ga a ka a re ba ne ba tsosiwa. O rile mebele ya bone, kana ditopo tsa bone. Sa bobedi, ga a ka a re mebele eno e ne ya tshela. A re e ne ya tsosiwa, ebile lefoko la Segerika e·geiʹro, leo le kayang “go tsosa,” ga se ka metlha le kayang tsogo ya baswi. Gareng ga tse dingwe, le ka nna la raya gape le “go tsholetsa” go tswa mo mosimeng kana “go ema” go tswa fa fatshe. (Mathaio 12:11; 17:7; Luke 1:69) Tshikinyego e e neng ya nna gone fa Jesu a swa e ne ya atlhamolola mabitla, ya latlhela mebele e e suleng kwa ntle. Ditiragalo tse di ntseng jalo tsa dithoromo tsa lefatshe di ne tsa begwa mo lekgolong la bobedi la dingwaga C.E. ke mokwadi wa Mogerika Aelius Aristides mme gape le bosheng jaana, ka 1962, kwa Colombia.
Pono eno ya ditiragalo e dumalana le dithuto tsa Bibela. Moaposetoloi Paulo o naya bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa tsogo ya baswi mo go 1 Bakorintha kgaolo 15, mme ga a umake Mathaio 27:52, 53 gotlhelele. Bakwadi ba bangwe botlhe ba Bibela le bone ba dira fela jalo. (Ditihō 2:32, 34) Ditopo tse di neng tsa tsosiwa fa Jesu a ne a swa ga di kake tsa bo di ne tsa tshela ka tsela eo Epiphanius a neng a akanya ka yone, ereka mo letsatsing la boraro morago ga foo, Jesu a ne a nna “motsalwa pele go cwa mo bashwiñ.” (Bakolosa 1:18) Bakeresete ba ba tloditsweng, bao gape ba bidiwang “baitshepi,” ba ne ba solofeditswe go bona tsogo ya ntlha fa Keresete a setse a le gone gape, mme eseng mo lekgolong la ntlha la dingwaga.—1 Bathesalonia 3:13; 4:14-17.
Batho ba bantsi ba ba akgelang ka Bibela ba na le bothata jwa go tlhalosa temana ya 53, lemororo ba le mmalwa ba bone ba akantsha gore temana ya 52 e tlhalosa go atlhamololwa ga mabitla ke thoromo ya lefatshe le go ntshiwa ga ditopo tse di neng di sa tswa go fitlhwa. Ka sekai, mokanoki wa Mojeremane Theobald Daechsel o ranola seno jaana: “Mme mabitla a atlhamologa, mme ditopo tse dintsi tsa baitshepi ba ba suleng di ne tsa tlhatlosiwa.”
Ke bomang ba ba neng “ba tsèna mo motsiñ o o boitshèpō” nakonyana morago ga foo, eleng morago ga gore Jesu a tsosiwe mo baswing? Jaaka re bone fa godimo, mebele e e neng ya bonwa eo e ne ya nna fela e ntse e sa tshele, ka jalo Mathaio o tshwanetse a bo a ne a bua ka batho ba ba neng ba etela kwa mabitleng mme ba tla ka dikgang tsa dilo tse di diragetseng tseno mo Jerusalema. Ka gone thanolo ya New World Translation e nonotsha go tlhaloganya ga rona Bibela ebile ga e tlhakatlhakanye babadi tlhogo kaga tsogo ya baswi.