Bosupi jwa Kgalalelo ya ga Solomone
GO YA ka tlhatlhamano ya dingwaga tsa Bibela, Kgosi Solomone o ne a busa Iseraela go tloga ka 1037 B.C.E. go fitlha ka 998 B.C.E. Se se kgatlhisang ke gore buka The Archaeology of the Land of Israel, e e kwadilweng ke Porofesa Yohanan Aharoni, e senola kafa phetogo mo tlhabologong ya Iseraele e neng ya nna ka gone “mo e ka nnang ka 1000 B.C.E.”
Sekai sengwe se se filweng ke Aharoni ke bosupi jwa marako a a nonofileng a motse a a agilweng ka matlapa a magolo “a segilwe ka diboloko tse boleele jwa tsone bo fetang bophara jwa tsone, a pakilwe ka botswerere.” Go farologana le seo, dikarolo dingwe tsa marako a metse ya dinaga tse di dikologileng Iseraele “a ne a agilwe ka ditena le logong.”
Mo godimo ga moo, metse e e neng ya agiwa sesha mo e ka nnang ka nako ya ga Solomone e naya bosupi jwa gore e ne e rulagantswe ka kelotlhoko, gore matlo a yone a ne a agilwe ka mela le gore mebila ya yone e ne e dirilwe sentle. Aharoni o tlhatlhoba marope a “metse e menè ya Juda e e agilweng go ya ka thulaganyo e e tshwanang . . . Beresheba, Tell Beit Mirsim, Betheshemeshe, le Misepa.” Abo tseno di farologana jang ne le lefelo le lengwe le legolo la tlhabologo—motse wa pele wa Ura wa Mesopotamia! Sir Leonard Woolley o ne a kwala jaana ka one: “Ga go a dirwa maiteko ape a go o rulaganya . . . Ditsela tse di sa gopiwang, dingwe tsa tsone ga di a tlhamalala . . . ditsela tse di tlhakatlhakaneng tseo o ka latlhegelwang ke tsela ya gago motlhofo mo go tsone.”
Aharoni o akgela gape ka go tokafadiwa ga didirisiwa tsa ntlo ka nako ya puso ya ga Solomone. “Go fetolwa ga didirisiwa . . . ga go bonwe fela mo dilong tsa manobonobo mme segolobogolo gape le mo dilong tse di sa dirwang ka tshipi . . . Boleng jwa dilo tsa letsopa le go besiwa ga tsone fa di dirwa go ne ga tokafadiwa tota . . . Ka bonako fela go ne ga tlhaga mefuta e e farologaneng ya dijana tse dintsi tota.”
Dilo tse dintle go gaisa mo pusong ya ga Solomone e ne e le tempele, ntlo ya segosi, le dikago tsa puso tse di neng di le kwa Jerusalema. Go ne ga dirisiwa gouta e ntsi go kgabisa dikago tseno. (1 Dikgosi 7:47-51; 10:14-22) Dingwaga tse tlhano morago ga loso lwa ga Solomone, Faro Shishake wa Egepeto o ne a tla mme a tsaya dikhumo tsotlhe tsa Jerusalema.—1 Dikgosi 14:25, 26.
Mekwalo ya baithutamarope ya kwa Egepeto le Palasetina e tlhomamisa gore eleruri Shishake o ne a thopa Iseraele. Ebile tota, boraditiragalo ba bantsi ba dumela gore go thopa ga ga Shishake Jerusalema go ne ga tsosolosa itsholelo e e bokoa ya Egepeto mme ga kgonisa Shishake go ntsha madi a go atolosa tempele ya Baegepeto eo a neng a kwala phenyo eno ya gagwe mo go yone, jaaka re bona mo tsebeng eno. Shishake o ne a tlhokafala ka bofefo fela morago ga foo, mme mokwalo o mongwe o bega gore morwawe o ne a ntshetsa ditempele tsa Egepeto ditone di le 200 tsa gouta le tsa selefera. Mokwalo ono ga o supe kwa a tsereng khumo eno gone, mme moithutamarope Alan Millard, mo bukeng ya gagwe Treasures From Bible Times, o akantsha gore “bontsi jwa yone e ne e le gouta eo Shishake a neng a e tsere kwa Tempeleng ya ga Solomone le kwa ntlong ya gagwe ya segosi kwa Jerusalema.”
Ga go gakgamatse go bo le eleng motswedi wa balatolamodimo o dumela gore puso e e galalelang ya ga Solomone ke ya mmatota! Bol’shaia Sovetskaia Entsiklopediia (Saetlopedia e Kgolo ya Soviet), kafa tlase ga setlhogwana “Solomone,” e mmitsa “mmusi wa bogosi jwa Iseraele le Juda,” e oketsa ka gore o ne a busa “fa bogosi joo bo ne bo fitlhile kwa setlhoweng sa jone.”