“Mosadi eo go tweñ Yesebele”
“KE GU nyaletsa seo se, go re, u leseletsa mosadi eo go tweñ Yesebele, eo o ipitsañ moperofeti oa sesadi; me oa ruta, o hepisetsa batlhanka ba me mo kgokahaloñ, le mo go yeñ dilō tse di isedicweñ medimo ea disètwa ditlhabèlō.” (Tshenolō 2:20) Jesu o ne a bua jalo le bagolwane ba Bakeresete ba kwa Thiatira. Phuthego eo e ne e tlhagafetse tota mme e ne e ile ya supa lorato, tumelo, le boitshoko. Mme e ne e letlelela tlhotlheletso e e senyang ya ga Jesebele. Ka ntlhayang? Mme a selo se se ntseng jalo se ka diragala gompieno?—Tshenolō 2:19.
Go lebega gore go ne go se ope yo a neng a bidiwa Jesebele kwa Thiatira. Jesu o ne a dirisa leina leo ka go ba gakolola ka mohumagadi Jesebele mosadi wa ga Kgosi Ahabe. Mosadi yoo a neng a gagamalela megopolo ya gagwe yoo, o ne a senya batho ba Modimo ka go tlisa kobamelo e e leswe ya ga Baale mo Iseraele, a bo a bopa lekoko go senya kobamelo e e itshekileng.—1 Dikgosi 16:31-33; 21:1-7.
Jesebele wa kwa Thiatira—e ka tswa e le mosadi a le mongwe kana setlhopha sa basadi—ka mo go tshwanang o ne a kgothaletsa batho ba Modimo go dira boitsholo jo bo sa siamang le go obamela medimo ya disetwa. Bangwe mo phuthegong ba ne ba mo reetsa, ereka Jesu a bua ka “bana ba gagwè,” bao go lebegang e ne e le ba ba mo latelang. (Tshenolō 2:22, 23) Tlhotlheletso ya gagwe e ne e ka senya phuthego ya Thiatira fela jaaka Iseraele a ne a senngwa mo motlheng wa ga Ahabe.
Ke ka ntlhayang fa Jesebele wa kwa Thiatira a ne a tlhotlheletsa jalo? Fa re mo leba re bo re mo tshwantsha le Jesebele wa bogologolo, bangwe ba akanya gore e ne e le mosadi wa mogolwane mongwe yo o eteletseng pele mo Thiatira. Lefa go ntse jalo, Bibela ga e rialo. Go lebega gore go gagamalela maikutlo a gagwe le lebaka la go bo a ne a iphaka gore ke moperofeti wa sesadi go ne go mo naya maemo mangwe mo phuthegong.
Go ile ga akantshiwa gore ditiro tse di bosula tseo a neng a di dira di ne di amana le ditlhopha tsa bagwebi. Go ya ka Dr. W. M. Ramsay, “go na le ditlhopha tse dintsi tsa bagwebi tse di itsiweng tsa Thiatira go na le mo motseng ope fela wa Asia.” Ka ga tseno, The Interpreter’s Dictionary of the Bible e bua jaana: “Setlhopha sengwe le sengwe sa bagwebi se ne se na le modimo wa sone, meletlo ya sone, le meletlo mengwe ya loago eo ka nako nngwe e neng e nna ya boitsholo jo bo sa siamang. ‘Jesebele’ a ka nna a bo a ile a tatalalela gore . . . meletlo eno e seka ya kgalwa ereka modiri mongwe le mongwe, a ne a tshwanetse go nna leloko la setlhopha sa bagwebi gore a itshedise.” The Expositor’s Greek Testament e dumalana le seno, ka go bo e akantsha gore bao ba neng ba latela Jesebele “ba ne ba itlotlomatsa ka kgololesego e ba neng ba na nayo.”
Ebile tota, thuto ya ga Jesebele mo Thiatira e ne e tshwana le “thutō ea ga Balaame” wa Peregamo. (Tshenolō 2:14) Phuthego ya Peregamo e ne e ile ya itshokela pogiso, mme bangwe ba bone ba ne ba etsa Balaame wa bogologolo ka go tlotlomatsa kgokafalo le kobamelo ya medimo ya disetwa. Go ile ga akantshiwa gore tlhotlheletso ya ga Balaame kwa Peregamo e ne e kgothaletsa go ineela go tila pogiso e e botlhoko, fa kwa Thiatira Jesebele a ne a kgothaletsa batho go ineela ka mabaka a itsholelo. Mo mabakeng otlhe, dithuto tseno e ne e le tsa botenegi jo bo bolayang.
A tlhotlheletso ya ga Jesebele—Balaame—e gone gompieno? Ee, eleruri. Baeteledipele ba bantsi ba La-Bodumedi ba etsa Jesebele mo go letleng diphuthego tsa bone go tsenelela mo bosodomeng, kgokafalo, boaka, go ntsha dimpa, le dilo tse dingwe tse di tshwanang le tseo tse di kgalwang ke Modimo. Le eleng mo phuthegong ya Bokeresete, go na le batho ba le mmalwa ba ba batlang kgololesego mo kobamelong ya boammaaruri, ba kgothaletsa Bakeresete gore ba seka ba gagamalela thata go kgomarela ditekanyetso tsa Bibela le eleng go rotloetsa boitsholo jo bo maswe.
Botlhe ba ba batlang go itumedisa Jehofa ba tshwanetse go tila dikgopolo tseo, le eleng lefa ba di bolelelwa ke batho—banna kana basadi—ba ba nang le botho jo bo kgatlhisang kana ba ba kgonang go tlhotlheletsa. Go akanya ka mokgwa ono gompieno go a bolaya fela jaaka go ne go dira mo lekgolong la ntlha la dingwaga.—Tshenolō 2:22, 23.