Go Bona Boitumelo—Mme Kae?
JESU o ne a bolela jaana: “Go itumela bao ba amegileng kaga ka moo ba tlhokang ka gone semoyeng.” (Mathaio 5:3, NW) Mosetsana mongwe yo mmotlana yo o ikanyegang wa kwa Botlhaba Gare o ne a amegile ka ditlhokafalo tsa gagwe tsa semoya me o ne a batla go itumedisa Modimo. Kgabagare, o ne a bona boitumelo—mme kae? Re tla mo letla gore a tlhalose.
“Ke ne ka godisediwa mo lelapeng la bodumedi la Bokatoliki jwa Maronite. Rona bana re ne re thapisitswe go rapela maitseboa mangwe le mangwe fa pele ga ditshwantsho, mme go tloga bongwaneng ke ne ke na le keletso ya go direla Modimo.
“Fa ke le dingwaga tse 17 ke ne ka tsenela boitlami, ke akanya gore seno e ne e tla nna tsela ya go kgotsofatsa keletso ya me. Lefa go le jalo, ke ne ka bona dilo di le dintsi tseo di neng di direga fa gare ga baitlami tseo di neng di ntshwenya. Ba ne ba sebana. Baithuti ba ne ba sa newe dijo tse di lekaneng go di ja, mme baitlami bone ba ne ba ipelela dijo tse di monatenate. Ebile go ne go na le go sa itshware sentle magareng ga baitlami le baruti. Ereka ke ne ke swabile thatathata, ke ne ka tlogela boitlami morago ga dikgwedi di le robonngwe mme ka boela gae.
“Ke ne ke santse ke na le dipotso di le dintsintsi tse di sa arabiwang, mme fa ke ne ke sa bone dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tseno, ke ne ka ya ntlheng ya gore ke se tlhole ke kgathalela bodumedi. Morago ga moo, ka 1982, fa ke ne ke na le dingwaga tse 22, morwarre le kgaitsadiake ba ne ba ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. Nna le batsadi ba me re ne ra ba ganetsa. Morwarre o ne a bogisiwa thata, a bediwa, ebile a isiwa kwa kgolegelong ka ntlha ya tumelo ya gagwe e ntšha. Lefa go le jalo, seo se neng se nkgatlha e ne e le diphetogo tse dikgolo tseo a di dirileng mo botshelong jwa gagwe. Mo godimo ga moo, o ne a na le dikarabo tse di utlwalang tsa Bibela tsa dipotso tse ke sa bolong go di botsa. Ka jalo ke ne ka simolola go bala Bibela mo sephiring ke le esi fa go le bosigo.
“Ka letsatsi lengwe ke ne ka ya le bone kwa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka kgatlhwa ke lorato lo lo bontshiwang koo. Go ne go sena pharologano magareng ga motho yo o humileng le yo o humanegileng. Basupi ba tshela tumalanong le seo ba se rutang. Ke ne ke tlhatswegile pelo gore ba ne ba na le boammaaruri.
“Morago fela ga kopano eno, ke ne ka kopa mongwe wa bone gore a ithute le nna. Ke ne ka mmolelela gore ke ne ke batla go ithuta fela, eseng go nna gone kwa dipokanong kana go ya go rera. Lefa go le jalo, ka nakonyana fela ke ne ka lemoga gore ke ne ke ithuta boammaaruri. Ke ne ka rapela mme ka dira tshwetso ya go direla Jehofa. Ka October 28, 1983 morwaarre, kgaitsadiake, le nna re ne ra kolobediwa. Jaanong ke ne ke bone tsela ya go kgotsofatsa keletso ya me ya go direla Modimo eo ke neng ke na le yone go tloga bongwaneng.
“Dikgwedi di le pedi morago ga gore ke kolobediwe, ke ne ka simolola bobulatsela jo bo thusang, mme dikgwedi di le robedi moragonyana ke ne ka nna mmulatsela wa ka metlha. Morago ga ngwaga le sephatlho, ke ne ka lalediwa go ya go direla kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa, eo e bidiwang Bethele, mo ke neng ka bereka dingwaga di le pedi ka nakwana fela. Ke ne ke kgatlhwa ke boikokobetso jo botlhe ba bo bontshang. Bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo a magolwane ba ne ba bo ba dira ditiro tsa go tlhatswa dijana morago ga dijo tsa maitseboa.
“Ka March 14, 1988, ke ne ka nna leloko la nako e e tletseng la lalapa la Bethele. Abo go ne go itumedisa jang ne! Ee, ke ne ka bona boitumelo. Kae? Mo gare ga Basupi ba ba ineetseng ba ga Jehofa! Jaanong ke ikutlwa ka tsela eo mopesalema a ne a ikutlwa ka yone yoo o neng a bolela jaana: ‘Gonne letsatsi le le leñwe hèla mo malwapeñ a gago, le gaisa malatsi a makgolo a leshomè.’”—Pesalema 84:10.
“Ke lopile selō señwe mo go Yehofa, ke shōna se ke tla se senkañ; ke gore ke tlè ke agè mo tluñ ea ga Yehofa ka malatsi aotlhe a botshelō yoa me, go leba bontlè yoa ga Yehofa, le go botsa mo tempeleñ ea gagwè.”—Pesalema 27:4.