Pogiso E A Tswelela kwa Burundi
MO MASIMOLOGONG a 1989, babusi ba morafe o o mo bogare jwa Afrika wa Burundi ba ne ba ntsha tetla ya gore Basupi ba ga Jehofa ba bogisiwe thata. Jaaka fa go ne ga begiwa mo tokololong ya Tora ya Tebelo ya August 15, 1989, balaodi ba ne ba leka go pateletsa Basupi gore ba tlogele tumelo ya bone, ba dira jalo ka go ba tshwenya, ba ba tshwarisa, ba ba itaya, le go ba tshwara ka ditsela tse dingwe tse di makgwakgwa. Go ntse go diragalang fa esale ka nako eo?
Pego e nngwe gape go tswa kwa Burundi e bolela gore ka nako ya fa molebedi wa kgaolo a ne a etetse Kinyinya le Gitega, balaodi ba ne ba leka go tshwara maloko a phuthego a a neng a le mo pokanong. Molebedi wa kgaolo le wa potologo ba ne ba kgona go falola, mme bao ba neng ba tshwarwa ba ne ba kopanyeletsa baithuti ba babedi ba sekolo se segolo le mosetsana a le mongwe wa sekolo sa poraemari. Botlhe ba ne ba bediwa. Ka letsatsi le le latelang Basupi bao ba neng ba tshwerwe ba ne ba tlhagelela fa pele ga mmusi mme ba ne ba tlhalosa lebaka la go bo ba ne ba ka seka ba nna maloko a lekoko la sepolotiki. Ba ne ba bediwa gape. Dipego tse dingwe di bolela ka ditiragalo tse di tshwanang le tseo.
Mogolwane mongwe wa Mokeresete yo o ikanyegang wa kwa Burundi o kwala jaana: “Ga go na Mosupi ope wa ga Jehofa yo o ileng a tshwarwa ka ntlha ya go bo a utswile, a bolaile mongwe, kana ka maiteko mangwe a go menola puso. Fa e le gore balaodi ba na le mabaka a mmatota a go otlhaya Basupi, a ba dire jalo fa pele ga kgotla-tshekelo mo boemong jwa go tlhokofatsa baagi bano ba ba kagisano, ba ba tseela dithoto tsa bone, le go ba leleka jaaka diphologolo tsa naga. Bakaulengwe ba le bantsi bao ba nnang mo bogareng jwa naga eno ba ne ba patelediwa go tshaba mo magaeng a bone mme ba tshele jaaka batshabi. Kgaitsadi mongwe yo monna wa gagwe a leng mo kgolegelong o ne a tshwanelwa ke gore a bonane le balaodi ba le bantsi ka maiteko a go golola monna wa gagwe. Botlhe ba ne ba mmusa ka karabo ya gore: ‘Ga re kake ra bo ra golola monna wa gago fa wena o amogela madi go tswa kwa dinageng di sele e le gore o ke o reketlise naga ya rona.’ Abo e le tshebo e e maswe jang ne!”
Lefa go le jalo, go na le dikgang tse di molemo go tswa kwa Burundi. Basupi ba koo ga ba tshabisiwe ke seno kana go ba boifisa. Go rerwa ga mafoko a a molemo go ntse go a anama go dirwa ka kelotlhoko le ka tlhomamo, mme bakaulengwe le bokgaitsadi ba lemoga gore ba ka kgona go itshoka fa ba ikanya mo go Jehofa ka botlalo. Go setswe go kwadilwe makwalo a le mantsi ao a bontshang ka moo seno se tlontlololang ka gone a kwalelwa Burundi, mme kwantle ga pelaelo go tla latela a mangwe a le mantsi fa lefatshe le lemoga gore Burundi e tswelela ka letsholo la yone le le senang bopelotlhomogi la go bogisa Basupi ba ga Jehofa.
[Lebokoso mo go tsebe 15]
Aterese ya ga tautona ya Burundi ke eno:
His Excellency Major Pierre Buyoya
President of the Republic of Burundi
Bujumbura
REPUBLIC OF BURUNDI