LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 12/1 ts. 20
  • Thuso E E Molemolemo ya go Itse Isagwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thuso E E Molemolemo ya go Itse Isagwe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baebele e Fetola Matshelo a Batho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Baebele e Fetola Matshelo a Batho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Baebele e Fetola Matshelo a Batho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Kafa Lenyora La me La Semoya le Neng la Timolwa ka Gone
    Tsogang!—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 12/1 ts. 20

Thuso E E Molemolemo ya go Itse Isagwe

Ka Mongwe Yo O Neng A Bona Tsela E E Isang Botshelong

BODUMEDI bo nnile le seabe se segolo thata mo botshelong jwa lelapa la rona. Rre e ne e le Mojuda, mme lemororo a ile a sokologela mo Bokatoliking gore a tle a nyale mmè, o ne a santse a tlotla Bibela thata. Mmè o ne a tswa mo lelapeng leo le neng le tseneletse thata mo meetlong ya Bokatoliki—bomorwadierragwe ba le babedi e ne e le baitlami, ntsalae e ne e le monsignoro, mme bomotlogoloe ba le babedi e ne e le baitlami ba banna.

Ka ntwa ya bobedi ya lefatshe, ditlhobaelo, go nna a tshogile, le matshosetsi ao a neng a ntse a le gone ka metlha a gore o tla romelwa kwa kampeng ya pogisetso ka ntlha ya go bo e le Mojuda di ne tsa dira gore rre a tlhokafale a sale mosha. Ereka mmè a ne a dumela thata mo thutong ya go sa sweng ga moya, o ne a nna le seabe mo dipokanong tseo go buiwang le mewa mo go tsone, a leka go golagana le rre.

Fa ke sena go gola, bodumedi jwa kwa gae bo ne jwa tswela pele e le karolo ya botshelo jwa me. Ke ne ka nna ke le “Mokatoliki yo o molemo.” Lefa go le jalo, Bokatoliki bo ne bo sa kgone go tlhalosa seo isagwe e ntsholetseng sone. Ke ne ke ka ya kwa go mang go ya go batla thuso gore ke bone seno?

Fela jaaka mmè a ne a setse a kile a dira, le nna ke ne ka ya kwa go ba ba buisanang le meya. Ereka ba ne ba simolola pokano nngwe le nngwe ka ditshupo tsa sefapaano le dithapelo, ke ne ke dumela thata gore ditiragalo tse di sa tlwaelegang tseo ke neng ke di bona di ne di tswa kwa Modimong. E ne e le ka nako eno fa ke ne ke tsenela mokgatlho wa Katoliki o o neng o rulaganyetsa maeto a go ya kwa lefelong leo go obamelwang Lekgarebane Maria kwa go lone kwa Lourdes, koo ba ba lwalang ba solofelang go fodisiwa ka dikgakgamatso gone, ka ke ne ke batla go dira sengwe go golola bao ba bogang mo dipogong tsa bone.

Ke ne ke ise ke tle ke tsamaye ke utlwe ka Basupi ba ga Jehofa go fitlhelela ka letsatsi la fa monna wa me a ne a amogela dimakasine di le pedi tseo ke neng ka di bona e le tse di kgatlhisang thata. Seo se neng sa nkgatlha go feta e ne e le gore Bibela e ne e tsopotswe go tshegetsa dikakgelo tse di mo dimakasineng tseno. Ke ne ka lemoga ka bonako fela gore dikgatiso tseno di ne di tla nna molemo thata gore ke nne le kitso kaga Lefoko la Modimo. Ke ne ka kwala ke kopa peeletso ya dimakasine tse pedi tseno. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba nketela, mme ke ne ka simolola go ithuta Bibela.

Ke ne ke kgatlhilwe thata ke boammaaruri jwa Bibela joo ke neng ke bo ithuta mme ka simolola go bolelela ba ke tlwaelaneng le bone ka jone. Ke ne ka gakgamala thata ke gakgamadiwa ke tsela eo tsala nngwe e neng ya arabela ka yone, eleng yo o neng a rulaganyetsa maeto a go ya kwa mafelong a a boitshepo a bodumedi, fa ke ne ke mmolelela gore ke ne ke ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. O ne a kgotswa thata mme a bolela dilo tse di maswe thata ka ga bone mo eleng gore ke ne ka bo ka tswa ka tsamaya. Go tswa foo ke ne ka tshwanelwa ke gore ke lebane le kganetso e e tswang mo monneng wa me. (Mathaio 10:36) Go ne go le boima sa ntlha, mme fa ke ntse ke dirisa dilo tseo ke di ithutileng ka mo go oketsegileng, botshelo jwa lelapa la me bo ne jwa nna jwa fetoga go nna jo bo botoka ka mo go oketsegileng. Ke ne ka kolobediwa ka 1977.

Ke ne ka lemoga gore nka bo ke sa bona tsela e e isang botshelong fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba sa bontsha kgatlhego ka go leka go nthusa gore ke itse boammaaruri jo bo gakgamatsang jono jwa Bibela. Ke ne ke itse gore le nna ke ne ke patelesega go dira gotlhe mo ke ka go kgonang go thusa ba bangwe gore ba itse kaga Jehofa le maikaelelo a gagwe a a gakgamatsang ka isagwe. Ke ne ke tla dira seno jang? Tsela e e molemolemo e ne e le ka go tsaya bodihedi jwa nako e e tletseng. Ereka ke ne ke nna mo lelapeng leo le neng le kgaogane ka bodumedi, go ne go se bonolo mo go nna. Mme ke ne ke ikanya mo tshegetsong ya ga Jehofa le mo kaelong ya gagwe mme ke ne ka tshabela mo go ene. Jaanong, ke tshela dingwaga tse di itumedisang go gaisa tsa botshelo jwa me ke le mmulatsela wa ka metlha. Ke tlhatswegile pelo go feta lefa e le leng pele gore ‘Jehofa o molemo’ le gore mongwe le mongwe “eo o mo ikanyañ” o a itumela.—Pesalema 34:8.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela