Pego ya Baboledi ba Bogosi
‘Pego e e Molemo go Tswa kwa Dinageng tse di kwa Kgakala’
◻ KWA Greenland e e tletseng kapoko baboledi bao ba neng ba etetse koo go ya go rera ba ne ba kopana le monna mongwe yo mmotlana wa Mo-Norway yo a neng a amogela buka Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation? Lefa go ntse jalo, o ne a seka a bontsha kgatlhego. Mo loetong lwa bone lo lo latelang kwa lefelong leno le le kwa kgakala thata, o ne a ba bolelela gore o ne a badile buka eo ka makgetlo a le mmalwa ebile a batla dibuka tse di oketsegileng. O ne a tlogelelwa dibuka le diboroutšhara di le mmalwa. O ne a utlwa botlhoko fa a utlwa gore baboledi ba tlile go boa gape mo lobakeng lwa ngwaga mme o ne a tsaya diaterese tsa Basupi bao. Kgwedi morago ga foo ba ne ba gakgamadiwa ke fa a ne a kokota mo mojakong wa bone. O ne a ba bolelela gore o ne a wele ka sethuthu sa gagwe se se tsamayang mo kapokong fa a ne a ya kwa mokorong wa gagwe, le gore go ne go mo tsere dioura di le thataro go fitlha kwa Basuping bao. O ne a tlile go batla dibuka tse di oketsegileng le go tlotla ka boammaaruri. O ne a ya kwa dipokanong maitseboa ao mme a dira dithulaganyo tsa go tla pokanong gangwe ka kgwedi. O ne a tla loetong lwa molebedi yo o etang mme o ne a kgothadiwa fela thata. O dule mo kerekeng mme jaanong o rera mafoko a a molemo mo lefelong la bone. Fa kapoko e mo thibela go tla dipokanong ka mokoro mariga, o tla ka sefofane, seo a se duelelang R390 loeto lo le longwe.
Ke ba le bakae ba rona bao ba tshwanelang go iteka go fitlha bokgakaleng jono fela gore ba tswelele mo bodiheding?
◻ Batho ba bantsi ba arabela mafoko a a molemo kwa Madagascar. Go na le baboledi ba Bogosi ba ba fetang 3 200, mme ba le 16 205 ba ne ba tla Segopotsong sa loso lwa ga Keresete. Bakaulengwe ba dira maiteko a magolo go fitlhelela batho botlhe mo setlhaketlhakeng seo.
Ka sekai, ba le 17 ba baboledi ba le 30 ba Phuthego ya Isaonjo ba ne ba dira tshwetso ya go ya go neela bosupi kwa tshimong e e leng dikilometara di le 50 kgakala le bone. Ba ne ba tloga mo motseng wa bone halofo ya oura fela morago ga nako ya bosigogare. Ba ne ba tsamaya ka dinao ka dioura tse pedi mo ditseleng tse di neng di tlhatlogela kwa godimo le fa gare ga diretse. Mme ba ne ba fitlha fa sekgweng sa boboatsatsi ka 2:30 a.m. Ka go bo sekgwa se ne se le lefifi, bakaulengwe ba bangwe ba ne ba wela mo majweng. Bangwe ba ne ba wela mo metsing le mo diphatlheng tsa majwe. Sekgwa seno se ne se na le dinwamadi, mme ba ne ba longwa ke ditshenekegi di le dintsi. Bokgaitsadi ba bantsi ba ne ba diragalelwa ke se se tshwanang. Ka nako nngwe ba ne ba nwela go fitlha mo mangoleng mo seretseng. Baboledi botlhe ba le 17 ba ne ba gobala ka tsela nngwe, mme kgabagare ba ne ba tswa mo sekgweng seo ka 6:30 a.m.!
Tirelo ya tshimo e ne ya simolola ka 6:45 a.m. Batho ba bantsi ba ne ba amogela baboledi sentle. Mongwe yo a neng a sa re amogele kwa tshimologong e ne ya nna mosadi wa moeteledipele mongwe wa bodumedi wa Moporotesetanta. O ne a re: “Ke na le bodumedi jwa me; mme ke siame. Ke itse sotlhe seo Bibela e se buang.” Fela fa mmoledi a ntsha makasine wa Tora ya Tebelo, mosadi yoo ka boikgodiso o ne a o gana, a re: “Ke na le dibuka tse dintsi tse ke tshwanetseng go di bala.” Mme o ne a simolola go botsa dipotso: “Lo bomang, mme lo tswa kae, lo romilwe ke mang?” Morago ga go mo araba ka boikobo le go bolela maiteko ao ba a dirileng go fitlha kwa motseng wa bone, mosadi yoo o ne a amogela Tora ya Tebelo, a re: “Ke tla e reka. Ke mang yo o itseng fa lo romilwe ke Modimo?”
Ba ba 17 ba ne ba tswa mo tshimong ka 1:30 p.m. ba boela gae, mme ba ne ba tsaya dioura di le nnè fela ka gonne go ne go santse go le motshegare. Ba ne ba lapile mme ba ne ba babalesegile, difatlhego tsa bone di phatsima ka boipelo. Ba ne ba re: “E ne e le letsatsi leo re se kitlang re le lebala ka bo-17 jwa rona go tswa kwa Phuthegong ya Isaonjo.”
Eleruri, moya wa ga Jehofa o tlhotlheletsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang go rera mafoko a a molemo a Bogosi “go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe,” mme ba le bantsi ba arabela mo maitekong a a molemo ano a Basupi.—Ditihō 1:8.
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Boemelakepe jwa Umanak, kwa Greenland