LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 11/1 ts. 15
  • “Bua Lehoko ya Modimo ka Pelokgale”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Bua Lehoko ya Modimo ka Pelokgale”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Etsa Jesu—Rera ka Bopelokgale
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • “Bua Lefoko La Modimo Ka Bopelokgale”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Nna o Bue Lefoko la Modimo ka Bopelokgale
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Nna Pelokgale
    Rata Batho—Dira Barutwa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 11/1 ts. 15

“Bua Lehoko ya Modimo ka Pelokgale”

JEHOFA Modimo o kgona go naya batlhanka ba gagwe maatla a go “bua lehoko ya Modimo ka pelokgale.” (Ditihō 4:31) Le eleng bao ba santseng ba le basha mo ditseleng tsa boammaaruri ba bile ba sena boitemogelo mo tirong ya boefangele ga ba a tshwanela go etsaetsega go bua mafoko a a molemo ka bopelokgale. Kwa Côte d’Ivoire, baboledi ba babedi ba ne ba le mo tirong ya bodihedi jwa ntlo le ntlo fa ba ne ba kopana le moporofesa wa unibesithi. Mmulatsela yo mmotlana, Seriki, ka go ikutlwa a sa tshwanele go bua le monna yo o rutegileng jalo, o ne a letla Mosupi yo mongwe go bua.

Moporofesa o ne a tshwenyegile ka go tlhaolana ga merafe mme o ne a pega Modimo molato ka ntlha ya mathata a a leng gone a bomorafe, a ikutlwa gore ke ene a dirileng merafe e e farologaneng. Morago ga puisano e telele eo go neng go lebega e sa ba ise gope, kgabagare Seriki o ne a nna pelokgale go bua, mme a tsenelela mo kgannyeng ka bonolo. (1 Bathesalonia 2:2) Fa a bona gore ntlo ya moporofesa e ne e kgabisitswe ka mebala e mentle e e tlhophilweng sentle, Seriki o ne a botsa moporofesa yono a re, “Ke ka ntlhayang fa o ne o sa dire gore ntlo ya gago yotlhe e nne mmala o le mongwe fela?”

“O ne o tla akanya gore ke a tsenwa!” moporofesa a araba jalo. Seriki ene o ne a araba jaana: “Nnyaa, mme ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go lebelela gore Modimo o dire sengwe le sengwe le mongwe le mongwe mmala o le mongwe?” Ntlha eo e ne e phepafetse. Sekai se se motlhofo seo se ne sa itshupa se le molemo, mme Seriki yo a neng a le ditlhong pele o ne a naya bosupi jo bo molemo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela