LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 11/1 ts. 5
  • ‘Go Araba ka Tsela e e Tlhamaletseng’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Go Araba ka Tsela e e Tlhamaletseng’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tsamaya mo ‘Tselaneng ya Thokgamo’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Go Dirisa Baebele fa o Araba Dipotso
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Bagolwane, Atlholang Ka Tshiamo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Buka ya Bibela ya bo 20—Diane
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 11/1 ts. 5

‘Go Araba ka Tsela e e Tlhamaletseng’

MO THERONG ya gagwe ya kwa Thabeng, Jesu o ne a supela go “molaō le baperofeti.” Karolo ya boraro ya Dikwalo tsa Sehebera e ne e le Mekwalo e e kopanyeletsang dibuka tsa poko, tse di jaaka Dipesalema le Diane. (Mathaio 7:12; Luke 24:44) Tseno, le tsone, di ne di na le botlhale jwa Modimo.

Ka sekai, diane di tlhagisa baatlhodi ba Baiseraele ba bogologolo jaana: “Eo o raeañ moikepi, a re, U siame; batho ba tla mo hutsa, merahe e tla mo tlhōa: Me ba ba mo kgalemèlañ ba tla nna le boitumèlō, tshegōhacō e e molemō e tla tla mo go bōnè. Eo o hetolañ sentlè, o atla molomo oa batho.”—Diane 24:24-26.

Fa moatlhodi a ne a ka ineela mo kgatelelong ya pipamolomo kana a atlhola go ya ka kamano ya gagwe le bangwe mme a bolela gore motho yo o boikepo o siame, bangwe ba ne ba tla mo leba a sa tshwanela boemo jwa gagwe. Ebu, le eleng maloko a “merahe” ya Baditšhaba a a neng a tla utlwa ka tiro e e bosula eo ya katlholelo a ne a tla sotla! Kafa letlhakoreng le lengwe, fa ka bopelokgale moatlhodi a ne a kgalema motho yo o bosula mme a araba ka tsela e e tlhamaletseng mo tshekong e e fa pele ga gagwe, o ne a tla gapa tlotlo le go ratiwa ke batho. Batho botlhe ba ne ba tla tlhotlheletsega go mo eleletsa “tshegōhacō e e molemō.” Fela jaaka seane se tswelela pele go bua jaana: “Eo o hetolañ sentlè, o atla molomo oa batho.”

Go atliwa go go ntseng jalo go raya go tlotlana—fa gare ga yo o kgalemang le bao ba lebeletseng go kgalema go go tlhamaletseng ga gagwe. Gongwe le eleng yoo a kgalemiwang le ene ka boene o ne a tla arabela sentle mme a supetse moatlhodi yoo lorato. Diane 28:23 e bua jaana: “Eo o kgalemèlañ motho o tla nama a bōna botsalanō bogolo go eo o hakañ ka loleme.” Bao ba direlang jaaka bagolwane ba diphuthego ka gone ba tshwanetse go tila go letla botsalano kana dikamano tsa lelapa go faposa katlholo ya bone. Ka go naya kgalemelo e e tlhokegang ka tlhamalalo, bagolwane ba tla gapa tlotlo ya phuthego.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela