Pego ya Baboledi ba Bogosi
‘Dilo tse di Eletsegang di a Tla’
MOPEROFETI Hagai o ne a kwala mafoko ano ka 520 B.C.E.: “Me ke tla reketlisa merahe eotlhe, me dilō tse di elètsègañ tsa merahe eotlhe di tla tla, me ke tla tlatsa ntlo e ka kgalalèlō, go bua Yehofa oa mashomōshomō.” (Hagai 2:7) “Dilō tse di elètsègañ” tsa merafe yotlhe tseo di tlatsang ntlo ya ga Jehofa ka kgalalelo ke baobamedi ba gagwe ba ba boifang Modimo. Ba ba dipelo di ikanyegang bao ba amogela mafoko a a molemo kwa Italy, mo e leng gore jaanong go na le Basupi ba le 166 000 ba ba rutang batho ba morafe oo Bibela. Baruti ba Katoliki kwa Italy ba leba go gola ga rona go go tlhomologileng jaaka “tiragalo e e gakgamatsang e e oketsegang ka mo go tshosang” eo e ba “tshwenyang le go ba gakgamatsa.” Mma mongwe wa babatli ba boammaaruri wa koo a re anele ka se se mo diragaletseng.
“Ke ne ke ruta katekasima ka dingwaga di le lesome, mme ke ne ke tlhatswegile pelo gore e ne e le tiro eo ke ka bontshang gore ke rata Modimo le baagelani ka yone. Le eleng lefa ke ne ke na le tsala eo e neng e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ke ne ke seka ke reetsa molaetsa wa Bibela. Lefa go ntse jalo, mo nakong e e fetileng fa Basupi ba ne ba nketetse, ke ne ka ba letla go tsena. Ke ne ke batla go ba bolelela gore ba seka ba tlhola ba etela matsale gape, ka jaana a ne a ikutlwa a tlhakatlhakane. ‘Go na le go etela batho ba ba godileng,’ ke ne ka ba bolelela jalo, ‘buang le batho ba ba tshwanang le nna.’ Go tloga ka letsatsi leo ba nna ba tla kwa legaeng la me ka metlha mme nako le nako fa ba ne ba ama ntlha ya thuto nngwe ke ne ke ba kopa gore ba emise puisano go fitlha moragonyana fa ke setse ke batlisisitse kgang eo.
“Ke ne ka bua le baperesiti ba le mmalwa mme ka lemoga gore ba ne ba sena karabo ya Bibela. Mongwe wa bone, yo e neng e le morongwa, o ne a mpolelela gore go tsamaya Misa go ne go se botlhokwa thata. ‘Ka gore,’ a rialo, ‘ka sekai, mo mafatsheng a a tshwanang le Brazil batho ba dira ditiro tse dingwe fela go na le go ya Miseng. Selo sa botlhokwa ke go direla Modimo ka tsela e o ka kgonang ka yone.’ Mafoko ano a ne a nnaya nonofo ya go kgaola dikgolagano tsa me le Kereke ya Katoliki. Moperesiti yo mongwe o ne a raya monna wa me, yo le ene e neng e le Mokatoliki, a re fa ke batla go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, a ntetle go dira jalo ka gonne Basupi ba ga Jehofa ba na le phoso e le nngwefela fela, ya go tlhagafala thata. Ke kolobeditswe bosheng fela jaana gammogo le morwa yo mongwe wa me. Monna wa me le ene o ithuta Bibela mme o kgatlhegela molaetsa wa Bogosi.”
Jaaka Jehofa a reketlisa merafe ka go dira gore dikatlholo tsa gagwe di bolelwe mo lefatsheng, batho ba bantsi ba ba ratang tshiamo ba tlogela ditiro tsa go tlhoka boikanyego e le gore ba ka latela melao-metheo ya Bibela. Pele ga a ithuta boammaaruri, monna mongwe kwa Italy o ne a na le dikoloto tse dintsi, a akanya gore a ka di duela ka madi a a duelwang ka one le a ka go sa ikanyegeng a a neng a “lebogiwa” ka one. Fa a amogela kitso ya boammaaruri, o ne a dira tshwetso e e bokete ya go tlogela go amogela “ditebogo” tsa go sa ikanyegeng. Ene le mosadi wa gagwe ba ne ba kolobediwa mme ba tsenelela bodihedi jwa nako e e tletseng gone fela foo. Kwa kokelong eo a dirang kwa go yone, gantsi o tshwanelwa ke go apola ditopo, mme ka makgetlo a mantsi o ile a fitlhela madi a mantsi mo go tsone. Ka sekai, o kile a fitlhela 150 000 lire (mo e ka nnang R290), gape ka nako e nngwe 600 000 lire (mo e ka nnang R1160). Ka go bo a ikanyega, o ne a busa madi ano, mme seno se ne sa mo naya tshono ya go bua le batsamaisi ba kokelo le dingaka ka boammaaruri. Batsamaisi ba kokelo ba ne ba mo romelela makwalo ba mo akgolela boikanyego le go dira ka boikarabelo ga gagwe.
Maitemogelo ano a kwa Italy ke dikai fela tsa ka moo “dilō tse di elètsègañ” di tlogelang tsamaiso eno e e boikepo, e e nang le thubakanyo ka gone mme di tla mo phuthegong e e phepa, e e nang le kagiso ya ga Jehofa, pele ga a reketlisa tsamaiso ya ga Satane ya bopolotiki ka go e senya ka Hara-Magedona.