Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Jesu le Mmusi yo Mmotlana wa Mohumi
FA JESU a ntse a tsamaya a raletse kgaolo ya Perea a lebile kwa Jerusalema, lekawana lengwe le sianela kwa go ene le bo le wela fa pele ga gagwe ka mangole. Monna yono o bidiwa mmusi, se gongwe se rayang gore o na le maemo a a kwa godimo mo ntlong ya thuto ya lefelo leo kana le eleng gore ke leloko la Kgotla-kgolo ya Bajuda. Gape, ke mohumi yo mogolo. “Moruti eo o molemō,” o a botsa, “ke tla dihañ, gore ke ruè botshelō yo bo sa khutleñ?”
“U mpiletsañ molemō?” Jesu o araba jalo. “Ga go opè eo o molemō, ha e se moñwe hèla, eboñ Modimo.” Go lebega lekawana leno le dirisa “molemō” jaaka sereto, jalo Jesu o mo itsise gore sereto seo ke sa Modimo fela.
“Me,” Jesu o a tswelela, “ha u rata go tsèna mo botsheloñ, tshegetsa ditaolō.”
“Dihe?” monna o botsa jalo.
Jesu o araba jaana, a tsopola melao e metlhano ya Melao E E Lesome: “U se ka ua bolaea motho, U se ka ua diha boaka, U se ka ua ucwa, U se ka ua shupa maaka, Tlotla rrago le mmago.” Mme fa Jesu a oketsa ka molao o o bileng o le botlhokwa go gaisa yotlhe, a re: “U ratè oa ga eno yaka u ithata.”
“Dilō tse cotlhe hèla ke sa le ke di tlhokomèla mo bokauñ yoa me,” monna o araba jalo ka bopeloephepa jo bogolo. “Ke sa tlhōka eñ?”
Ereka Jesu a utlwa monna a botsa ka tlhoafalo le ka bopeloephepa, o ikutlwa a mo rata. Mme Jesu o lemoga gore o rata dithoto tsa dilo tse di bonalang, mme jalo o mo lemotsha seo a se tlhokang: “U tlhōka selō se le señwe hèla: ea go rekisa cotlhe tse u nañ nacō, u abèlè bahumanegi, me u tla nna le khumō kwa legodimoñ: u bo u tlè, u ntshalè moragō.”
Jesu o elatlhoko, kwantle ga pelaelo a utlwile botlhoko, jaaka monna a ema a bo a tsamaya a hutsafetse fela thata. Khumo ya gagwe e mo sira gore a seka a bona botlhokwa jwa dikhumo tsa boammaaruri. “Go thata yañ,” Jesu o bua jalo a hutsafetse, “mo go ba ba ikantseñ mahumō go tsèna mo bogosiñ yoa Modimo!”
Barutwa ba gakgamadiwa ke mafoko a ga Jesu. Mme ba gakgamala go gaisa moo fa a tswelela ka go bua molao o o akaretsang a re: “Go ka nna boheho kamela go tsèna ka lechoha ya lomaō, bogolo go mohumi go tsèna mo bogosiñ yoa Modimo.”
“Ha e le yalo go bo go ka bolokwa mañ?” barutwa ba batla go itse.
Jesu o ba araba jaana, a ba lebile mo matlhong: “Mo bathuñ go retetse, me eseñ mo Modimoñ: gonne mo Modimoñ dilō cotlhe di ka dihala.”
Fa Petere a lemoga gore ba ne ba tsere tsela e e farologaneng fela thata le ya mmusi yo mmotlana wa mohumi, a re: “Bōna, rona re tlogetse gotlhe, me re gu setse moragō.” Jalo o botsa jaana: “Rona rea bo re tla bōna eñ?”
“Lona ba lo ntshetseñ moragō,” Jesu o a solofetsa, “e tla re mo Boshahacoñ yoa dilō cotlhe, ha Morwa Motho a dula mo setuloñ sa gagwè sa bogosi sa kgalalèlō, le lona lo tla dula mo dituloñ tsa bogosi di le shomè le mecō mebedi, lo atlhola dicō tse shomè le mecō mebedi tsa Iseraela.” Ee, Jesu o bontsha gore go tla nna le boshahatso jwa maemo a mo lefatsheng mo eleng gore dilo di tla nna jaaka di ne di ntse kwa tshimong ya Edena. Mme Petere le barutwa ba bangwe ba tla amogela tuelo ya go busa mo godimo ga Paradaise eno ya lefatshe lotlhe le Keresete. Eleruri, tuelo e molemolemo jalo e tshwanela gore motho a e intshetse setlhabelo!
Lefa go ntse jalo, go na le dituelo le eleng jaanong, jaaka Jesu a bolela jaana ka go gatelela: “Ga go na motho opè eo o tlogetseñ ntlo, kgotsa bomorwa rragwè, kgotsa bokgantsadiè, kgotsa mmagwè, kgotsa rragwè, kgotsa bana, kgotsa masimo, ka ntlha ea me, le ka ntlha ea Mahoko a a Molemō, èo o se ketlañ a bōna ga lekgolo le yana mo lobakeñ lono, eboñ matlo, le bomorwa rragwè, le bokgantsadiè, le bommagwè, le bana, le masimō, di na le dipogishō; me mo lehatshiñ ye le tlañ o tla bōna botshelō yo bo sa khutleñ.”
Jaaka Jesu a solofetsa, gongwe le gongwe mo lefatsheng koo barutwa ba gagwe ba yang gona, ba ipelela botsalano jo bo atamalaneng le Bakeresete-ka-bone ebile e le jwa botlhokwa go gaisa joo ba ka bo ipelelang le maloko a bamalapa a bone a mmatota. Go lebega mmusi yo mmotlana yono wa mohumi a latlhegelwa ke tuelo eno gammogo le ya botshelo jo bo sa khutleng mo Bogosing jwa selegodimo jwa Modimo.
Morago Jesu o oketsa ka go re: “Me bantsi ba e neñ e le ba pele ba tla nna ba moragō; le ba moragō ba nne ba kwa pele.” O raya jang?
O raya gore batho ba bantsi ba e leng ba “pele” mo go ipeleleng ditshiamelo tsa bodumedi, ba ba tshwanang le mmusi yo mmotlana wa mohumi, ga ba kitla ba tsena mo Bogosing. Ba tla nna “ba moragō.” Mme batho ba bantsi, go akareletsa le barutwa ba ga Jesu ba ba boikokobetso, bao ba tseelwang kwa tlase jaaka ba “moragō” ke Bafarisai bao ba iponang tshiamo—jaaka batho ba lefatshe, kana ‛am ha·’aʹrets—ba tla nna “ba pele.” Go nna “ba pele” ga bone go raya gore ba tla amogela tshiamelo ya go nna babusi-mmogo le Keresete mo Bogosing. Mareko 10:17-31; Mathaio 19:16-30; Luke 18:18-30.
◆ Kafa go lebegang ka gone, lekawana le le humileng leno ke mmusi wa mofuta ofe?
◆ Ke ka ntlhayang fa Jesu a gana go bidiwa yo o molemo?
◆ Boitemogelo jwa mmusi yo mmotlana yono bo bontsha jang bodiphatsa jwa go huma?
◆ Jesu o solofetsa balatedi ba gagwe dituelo dife?
◆ Ba pele ba nna ba morago jang, mme ba morago ba nna ba pele jang?