LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 7/1 ts. 16-17
  • “A Bo Go Latlhèga Wèna Korasina!”—Ka Ntlhayang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “A Bo Go Latlhèga Wèna Korasina!”—Ka Ntlhayang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Tla O Etele Lewatle la Galilea!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • A7-D Ditiragalo Tsa Botlhokwa Tsa Botshelo Jwa ga Jesu mo Lefatsheng—Bodiredi Jwa ga Jesu Kwa Galalea (Karolo 2)
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • Baikgodisi le Baikokobetsi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 7/1 ts. 16-17

Ditshwantsho tsa Lefatshe la Tsholofetso

“A Bo Go Latlhèga Wèna Korasina!”—Ka Ntlhayang?

RURI o ka seka wa batla gore Modimo a go atlholele tatlhego, a ga go jalo? Akanya, he, ka moo Bajuda ba metse e meraro ya Galilea ba tshwanetseng go bo ba ikutlwile ka teng fa Morwa Modimo yo ebileng e leng Moatlhodi a ne a bolela jaana:

“A bo go latlhèga wèna Korasina! go latlhèga wena Bethesaida! gonne ha ditihō tsa nonohō tse di dihilweñ mo go lona di ka bo di dihilwe mo Ture le Sidona, ba ka bo ba sa bolo go ikwatlhaea ba apere letsela ya kgetse le melōra. Leha go nntse yalo, kea lo raea, E tla re mo motlheñ wa tshèkō go tla nna botoka kaga metse ea Ture le Sidona, bogolo go lona. Me wèna, Kaperanama, . . . u tla hologela mo Bobipoñ.”—Mathaio 11:21-23.

Setshwantsho se se fa godimo se bontsha o mongwe wa metse eo—ebong Korasina. Setshwantsho seno gape se tlhaga go 1989 Calendar of Jehovah’s Witnesses mo dikgweding tsa July/August. Ka mo go kgatlhisang, mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 11:21-23 a mo thulaganyong ya mmalo wa Bibela ya Basupi ba ga Jehofa ya ka August. Ke eng, he, seo re tshwanetseng go se itse ka ga Korasina?

Ela tlhoko gore Korasina wa bogologolo o ne a le kae. O ka bona matlotla a one fa o lebelela kwa tlase mo setshwantshong seno. Morago ga moo, ela tlhoko ditlhare tse di mo losing lo lo kwa bokone jwa Lewatle la Galilea. Ke moo Kaperanama e neng e le gone, e ka nna dikilomitara di le tharo go tswa mo losing lono. Ka mokgwa oo setshwantsho seno se se tserweng go tswa kwa lefaufaung se bonalang ka one, ekete lefatshe leno ke setlhaba, lefa go ntse jalo Korasina tota e mo dithabeng mo e ka nnang dimitara di le 270 mo godimo ga losi lono.

Go re tswela molemo gape go itse gore Bethesaida e ne e le go iphaphatha le losi lono, moo e ka nnang sekgala se se lekanang le seo go tswa Kaperenama. Ka jalo, ka go kgala metse e meraro eno, Jesu o ne a tlhomile mogopolo wa gagwe mo lefelong le lennye leo a neng a direla thata mo go lone mo Galilea. (Mathaio 4:13; Mareko 2:1; Luke 4:31) E ne e le ka ntlhayang fa Jesu a ne a e atlholela tatlhego?

Jesu o ne a senya nako e ntsi le baaposetoloi ba le mo lefelong leno, mme o ne a dira ditiro tse dintsi tsa nonofo teng mono. Gaufi le Bethesaida o ne a fepa batho ba feta 5 000 ka kgakgamatso, mme o ne a foufolola monna mongwe yo o neng a foufetse. (Mareko 8:22-25; Luke 9:10-17) Dingwe tsa dikgakgamatso tsa gagwe tseo a neng a di dira kwa Keperanama kana gaufi le yone e ne e le fa a ne a fodisa mosimanyana mongwe yo o neng a lwala a le kgakala le ene, fa a ne a fodisa monna yo o neng a na le badimona, fa a ne a dira gore motho yo o neng a sule ditokololo a kgone go tsamaya, le fa a ne a tsosa morwadia molaodi wa ntlo ya thuto. (Mareko 2:1-12; 5:21-43; Luke 4:31-37; Yohane 4:46-54) Lemororo Bibela e sa re bolelele ka tlhamalalo gore ke dife “ditihō tsa nonohō” tseo di dirilweng kwa Korasina, Mathaio 11:21 e bontsha gore Jesu o ne a dira dikgakgamatso koo kana gaufi le koo. Lefa go ntse jalo, batho ba koo ga ba a ka ba ikwatlhaya le go dumela mo go ene jaaka Mesia yo Modimo o neng o mo eme nokeng.

Fa o lebelela setshwantsho se se fano sa ga Jesu a dira ditiro tseno, o ka nna wa botsa jaana, ‘Go tla jang gore batho ba kwa Korasina ba nne tlhogo di thata jaana?’ Ka gongwe motlhala wa seno o ka bonwa mo majeng a mantsho a basalt ao baithuta-marope ba a epolotseng mo matlotleng ano, ao eleng a go tloga mo lekgolong la boraro la dingwaga C.E. Masalela ano go na le ntlo nngwe ya thuto mo go one eo e neng e le mo gare ga motse le matlo ao a neng a le gaufi le moo. Maje a mangwe ao e neng e le a ntlo ya thuto a ne a na le dilo tse di sa tlwaelegang tse di neng di gabilwe mo go one. A ne a na le eng? Ditshwantsho tsa ditlhamane tsa Magerika, jaaka sa Medusa yo moriri wa gagwe e neng e le dinoga le sa mongwe yoo e neng e le motho bontlhabongwe mme e le pitse bontlhabongwe. Ereka tumelo ya Bojuda e tshwanetse ya bo e ne e le kgatlhanong thata le medingwana e e ntseng jalo ya disetwa, ke ka ntlhayang fa baeteledipele ba Bajuda ba mo Korasina ba ne ba e dumelela mo matlong a bone a thuto?

Kgang nngwe e e dumelwang ke ya gore “go amogela megopolo ya ba bangwe e ka ne e ne e le ngwao ya mo lefelong leno,” mme seo se ne sa naya Jesu lebaka la go solofela karabelo e ntle mo motseng oo.a Mme fa e le gore ditshwantsho tseno tseo di neng di le mo matlung a thuto di bolela sengwe ka ga mokgwa o o neng o le gone mo motlheng wa ga Jesu, e ka ne e le gore bontsi jwa batho ba mo Korasina ba ne ba sa re sepe ka go obamela “Rara . . . ka Mōea le ka boamarure.” (Yohane 4:23) Ba ne ba bontsha seo ka go sa amogeleng ga bone Mesia yo o neng a dira dikgakgamatso.

Fa Jesu a ne a roma barutwa ba gagwe ba ba 70, gape o ne a dirisa pheteletsopuo e e neng e le kaga botlhogo e thata jwa Korasina, Bethesaida, le Kaperanama. Fa e le gore Bagalilea ka Jesu ba kwa Korasina bao ba neng ba tlwaelane le ditiro tsa gagwe tsa nonofo ga ba a ka ba arabela ka tsela e e molemo, barutwa ba ne ba sa tshwanela go gakgamala fa baagi ba metse e mengwe eo ba neng ba rera kwa go yone ba ne ba sa ba amogele.—Luke 10:10-15.

Ka jalo fa re lebelela matlotla a mantsho a a senang botshelo a Korasina, re tshwanetse ra tsaa tsia tlhagiso e e bontshiwang ke fa Jesu a ne a bolela ka ga “go latlhèga.” Go palelwa ke go ikwatlhaya, go arabela mo tirong ya Modimo e e dirwang ke batho ba gagwe, go ka tlisa go nyadiwa le bokamoso jo bo sa itumediseng.

[Ntlha e e kwa tlase]

a The World of the Bible, Bolumo 5, tsebe 44, e e gatisitsweng ke Educational Heritage, Inc., New York, 1959.

[Mmapa mo go tsebe 16]

(For fully formatted text, see publication)

Korasina

Bethesaida

Kaperanama

Lewatle la Galilea

Tiberio

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 16]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela