A Re Tla Tsamaya Re Ba Bona Gape?
“O re tlogeletse rure. Seo re ne re sa se lebelela ruri. Mme go sa kgathalesege dintho tsa kutlobotlhoko tseo loso lwa gago lo di tlogetseng, o tla nna o ntse o na le rona mo dipelong tsa rona. Ga re kitla re lebala dingwaga tse di monate tseo re neng ra di ipelela nao lefa e le go tlogela go tlhola re na le tsholofelo ya gore tsatsi lengwe re tla boela re go bona gape.”
KWA Grand Duchy of Luxembourg, ba losika le ditsala ba moswi a ba tlogetseng ba bontsha maikutlo a a tshwanang le ano ba sa kgaotse mo dikitsisong tsa segopotso tse di gatisiwang mo makwalodikgannyeng fa morago ga loso lwa mongwe yo ba mo ratang. Maikutlo a a tshwanang le ano a mo megopolong ya ba bangwe lefatshe ka bophara, go ba gakologelwa ka lorato, go go tsamaisanang le go itlhoboga go go hutsafatsang ka ntlha ya go latlhegelwa ga bone—tsholofelo e e tlhakaneng le go belaela. O ka ne o kile wa arabela ka tsela e e ntseng jalo kana o ile wa go utlwalela mo tsaleng nngwe morago ga loso lwa mongwe yo o ratiwang.
Mo bathong ba le bantsi, tsholofelo ya go boela gape ba bona baratwa ba bone ba ba suleng e tlhakatlhakane ebile ga e tlhaloganyesege sentle. Mabaka a seno a phepafetse. Sa ntlha, mo malatsing ano tota go batla go sena ope yo a tleng a iphe nako ya go batla go itse kaga kgang eno. Mme fa mongwe a leka go dira jalo, tshedimosetso eo a e neelwang ke madumedi a mantsi ka ga kgang eno ke e e sa utlwaleng kana e gakgamatsa thata gore motho a ka e dumela.
Jaaka o ka tswa o itse, mo go ba bantsi “botshelo” joo e leng jone fela “jwa isagwe” jwa ba ba suleng ke ka go tswelela ga losika lwa bone. O ka ne o ile wa utlwa kaga kakanyo ya gore batho ba ‘tswela pele ba tshela ka bana ba bone.’ A mme “botshelo” jo bo ntseng jalo bo tlisa molemo ope o o bonalang mo go ba ba suleng kana tebelelo epe ya gore bao ba ba tlogetseng ba tla boela ba ba bona gape? Tota le eseng! Ka jalo kakanyo ya mothale oo e na le kgomotso e nnyane tota!
Ka ntlha ya go bo re amegile ka baratwa ba rona, ba ba suleng mmogo le bao ba santseng ba tshela, re tlhoka dikarabo tsa dipotso tseno: Fa mongwe yo re mo ratang a swa, a re tla tlhola re mmona gape? Fa karabo e le ee, seo se tla diragala leng mme kwa kae? Kwa legodimong? Kana le eleng mono mo lefatsheng? Tota, tsholofelo ke efe ka baratwa ba ba suleng le ka rona mo isagweng?
Fa re bua fela re sa lobe, go na le dikgang tse di molemo mabapi le dipotso tseno. Di molemo ka go bo go na le tsholofelo e e tlhomameng, e e itumedisang. Ke dikgang gonne ke molaetsa o o farologaneng le oo batho ba le bantsi ba ileng ba o utlwa, le eleng go tswa mo metsweding ya bodumedi ya tshedimosetso.
Mo lekgolong la ntlha la dingwaga la Motlha wa rona O O Tlwaelegileng, fa morongwa wa Mokeresete ebong Paulo a ne a le kwa Athene, kwa Greece, o ne a bua ka tsholofelo e e mo Dikwalong ya ba ba suleng. Bangwe ba bareetsi ba ne ba rata go itse, mme ba bangwe ba ne ba reetsa ka go nyatsa. Boramatlhale ba ba rileng ba ne ba batla go tswela pele ba tlotla le ene ka go ganetsana, mme ba ne ba bolela jaana: “O ba a rata go buañ mmalabadi eo?” Ba bangwe ba ne ba bolela gore e ne e le “mmoledi oa medimo e sele: ka go bo a bolèla Yesu le go coga ga bashwi.” (Ditihō 17:18) Ee, mafoko a a molemo ao Paulo a neng a a bolela a ne a akareletsa le tsogo ya baswi!
O ne o ka tsaya jang puo e e kaga tsogo ya mo isagweng—ya go bona ba ba suleng ba tshela gape? A e ne e ka bonala jaaka palabalo e e sa thuseng sepe? Kana, ka ntlha ya seo o se rutilweng ke bodumedi jwa gago le ka ntlha ya dipono tsa gago tsa botho, a molaetsa wa Dikwalo tse di Boitshepo o o kaga tsholofelo ya baswi o bonala o le mosha ebile o sa tlwaelega mo go wena, jaaka ekete o ne o tswa go ‘modimo mongwe o sele’?
Baathene ba ne ba raya Paulo ba re: “U lere dilō diñwe di sele mo ditsebeñ tsa rona: me rea re, re rata go itse dilō tse kwa di kaèlañ gōna.” (Ditihō 17:20) A le wena o eletsa go ithuta ka mo go oketsegileng ka tsholofelo e e mo Bibeleng ka ga baratwa ba rona ba ba suleng, le ka rona ba ba tshelang? Fa go le jalo, setlhogo se se latelang se tla go kgatlha thata.