LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 5/1 ts. 16-17
  • Bashana—Lefelo le le Nonneng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bashana—Lefelo le le Nonneng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 5/1 ts. 16-17

Ditshwantsho go Tswa Lefatsheng le le Solofeditsweng

Bashana—Lefelo le le Nonneng

FA O ntse o bala Bibela, a ga o ise o kopane le maina a mantsi a mafelo a o sa kgoneng go akanya gore a ka ne a ntse jang? Ka May le June, Basupi ba ga Jehofa ba tla bo ba bala mo go Mika go ya kwa go Sekaria. Fa o latela thulaganyo eo, o tla fitlhela Bashana a umakiwa mo ditemaneng tse tharo. (Mika 7:14; Nahume 1:4; Sekaria 11:2) Ditemana tseo gammogo le tse dingwe tse di sa umakiwang di tla kaya go le gontsi mo go wena fa o ka kgona go bona Bashana mo kakanyong ya gago.

Bashana e ne e le kwa kae? Ebu, o ka nna wa kgona go e lemoga ka Golan Heights, e o ka tswang o e bone mo dimmapeng tsa dipampiri tsa dikgang. Bashana e ne e le kafa botlhaba jwa Lewatle la Galilea le Mokgatšha o o kwa godimo wa Joredane. E ne e simologa fa Nokeng ya Yarmuk (karolo ya molelwane wa jaanong o o fa gare ga Joredane le Siria) kafa bokone jwa Thaba ya Heremona.

Pele Baiseraele ba bogologolo ba tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, ba ne ba tshwanelwa ke go fenya masole a Kanana a ga Oge wa seganka, kgosi ya Bashana. Morago ga moo, ba lotso lwa ga Manase ba ne ba nna mo karolong e kgolo ya Bashana. (Duteronome 3:1-7, 11, 13; Dipalō 32:33; 34:14) Lefelo leno la Bibela le ne le ntse jang? Lefa le ne le na le dikgwa mo mafelong a lone a dithaba, bogolo jwa Bashana e ne e le naga e e lophatladika, kana setlhaba se se kwa godimo.

Ka ditsela tse dintsi Bashana e ne e le naga ya thobo e kgolo eleruri. Seno e ne e le ka go bo karolo e kgolo ya yone e ne e le lefelo la phulo kana le tletse phulo ya diphologolo. (Yeremia 50:19) Ditshwantsho tse go neelanweng ka tsone di ka kgona go go gakolola ditshupiso tse dingwe tse di buang ka Bashana mo Bibeleng.a Ba bantsi ba setse ba badile ka “dipōō tse di thata tsa Bashana.” (Pesalema 22:12) Ee, mo metlheng ya bogologolo lefelo leno le ne le itsege ka dikgomo tsa lone, go akareletsa le dipoo tse dinnye tse di thata. Mme go ne go na le diphologolo tse dingwe gape, tse di tshwanang le dinku le dipodi tseo di neng di dira gore go nne le maši a mantsi le botoro.—Duteronome 32:14, NW.

O ka nna wa ipotsa gore ke eng seo se dirileng gore naga ya Bashana e none mo go kalo, ereka e ne e le kafa botlhaba jwa Joredane mo lefelong leo ba bantsi ba akanyang gore ga le na metsi. Ntlha ke gore, dithaba tsa Galilea kafa bophirima di kwa tlase, ka jalo maru a a tswang mo Mediterranean a ne a feta fa godimo ga tsone mme a ne a ka tlisa pula e ntsi mo Bashana. Mo godimo ga moo, moya o o tletseng metsi le melapo di ne di elela go tswa mo Thabeng ya Heremona. Akanya kafa Bashana e neng e nona ka teng fa mouwane o ne o kopana le mmu o o nonneng oo wa lekgwamolelo! Lefelo leo le ne le ntsha thobo e ntsi. Pele e ka nna lefelo le legolo la thobo la Baroma, Bashana e ne e ntsha dijo tse di neng di jewa ke Solomone. Ke ka mabaka a a molemo, he, go neng go ka buiwa jaana ka go fepa ga Modimo batho ba gagwe ba a ba golotseng: “A ba hulè mo Bashana le Gileada, yaka mo metlheñ ea bogologolo.”—Mika 7:14; 1 Dikgosi 4:7, 13.

Fa o itse ka go kgona go ntsha dikungwa go go ntseng jalo, o ka anaanela tlhaloso eno ya ga Nahume e e tsosang maikutlo ya seo go se amogelweng ke Modimo go neng go tla se lere: “Bashana a topètège le Karemela [dithaba tse ditalana gaufi le Lewatle le Legolo], le sethunya sa Lebanona se topètège.”—Nahume 1:4b.

Tlhatlhobiso eno ya Bashana e ka go thusa go lemoga ka moo mafelo a mangwe a a tlhatlhobilweng ka kelotlhoko a le one a leng mo Bibeleng a neng a ntse ka gone. Ka sekai, o ka nna wa bo o setse o badile ka thobo, e e jaaka ya korong e e neng e tlhoga thata mo Bashana. Korong e ne e robiwa mo dikgweding tse di molelo tsa Iyyar le Sivan (go ya ka khalendara ya Sejuda, tse di nyalanang le bofelo jwa April, May, le mo tshimologong ya June). Moletlo wa Dibeke (Pentekosete) o ne o tshwarwa ka nako eno. Jaaka karolo ya one, go ne go ntshiwa setlhabelo sa mabutswapele a thobo ya korong, dikonyana, diphoko, le dipoo. A diphologolo tseno di ka tswa di ne di tswa kwa Bashana?—Ekesodo 34:22; Lefitiko 23:15-18.

Ka nako ya thobo badiri ba ne ba sega korong ka disekele tse di gogoropo tsa tshipi tse di tshwanang le e e bonwang fa godimo, eo e neng e sena mhinyana wa logong. (Duteronome 16:9, 10; 23:25) Go tswa foo lotlhaka lo ne lo kgobokanngwa mme lo isiwe mo seboaneng, koo selei sa logong (se se bofeletsweng matlapa kafa tlase) se neng se tsamaisiwa mo godimo ga one go tlosa moko. (Ruthe 2:2-7, 23; 3:3, 6; Isaia 41:15) Fa o lebelela setshwantsho sa seno, se se tserweng go tswa mo Golan Heights, o ka nna wa akanya ka taolo eno ya Modimo e e utlwalang: “U se ka ua bōha kgomo molomo ha e hola mabèlè.”—Duteronome 25:4; 1 Bakorintha 9:9.

Kwa bofelong, gakologelwa gore Bashana wa bogologolo o ne a na le mafelo a dikgwa tse di kitlaneng, tse bontsi jwa ditlhare tsa tsone e neng e le tsa maakere tse dikgolo, jaaka tse di bontshitsweng kafa molemeng. Bafonekia ba ne ba dira dišapisa-mekoro ka dikgong tsa maakere tse di tswang kwa Bashana. (Esekiele 27:6) Lefa go le jalo, le eleng ‘ditlhare tse di thata tsa Bashana, dikgwa tse di kitlaneng,’ ga di a ka tsa kgona go emelelana le bogale jwa Modimo. (Sekaria 11:2; Isaia 2:13) Go bona ditlhare tse di ntseng jalo gape go dira gore go nne motlhofo go lemoga lebaka la go bo dikgwa tse di ntseng jalo di ne di ka nna sekgoreletsi fa masole a tshaba. Le eleng mopalami a le mongwe wa pitse o ne a ka nna a tshwarwa ke dikala tsa tsone, fela jaaka Abesalome a ne a tshwarwa felo gongwe.—2 Samuele 18:8, 9.

Re ka kgona go bona gore le eleng fa Bashana e ne e le karolo ya Lefatshe le le Solofeditsweng koo go se kileng ga nna le ditiragalo tse dintsi tsa Bibela gone, ditshwantsho tsa yone di dira gore re natefelwe ke go tlhaloganya ditshupiso tsa Bibela go yone.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona gape le 1989 Calendar of Jehovah’s Witnesses.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 16]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

Inset: Badè Institute of Biblical Archaeology

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela