LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 2/15 ts. 3-4
  • Tshiamo go Botlhe—A e tla Tsamaya e nna Gone?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tshiamo go Botlhe—A e tla Tsamaya e nna Gone?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Sengwe le Sengwe Se a Se Dirang se Siame”
    Atamalana le Jehofa
  • Jehofa ke Morati wa Tshiamiso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • A Modimo O tla ke A Dire Sengwe ka Tshiamololo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Tshiamo go Botlhe ka Moatlhodi yo o Tlhomilweng wa Modino
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 2/15 ts. 3-4

Tshiamo go Botlhe—A e tla Tsamaya e nna Gone?

BAETI ba ba etetseng lefelo le le itsegeng la Old Bailey kwa Lontone, eleng kago ya Central Criminal Court, ba bona setshwantsho se se tlhomilweng sa mosadi yo o tshwantshetsang tshiamo mo godimo ga yone. Kafa letsogong le lengwe, o tshwere sekale, seo se kayang gore bosupi bo tla sekasekiwa ka kelotlhoko. Kafa letsogong le lengwe la gagwe o tshotse tshaka, go sireletsa ba ba senang molato le go otlhaya ba ba molato. Mo mafelong a mangwe a mantsi, o ka bona ditshwantsho tse dingwe tsa mofuta ono, fa gongwe di beilwe “Tshiamo” mo matlhong go bontsha go sa tlhaoleng ga gagwe.a

Lefa go le jalo, o ka nna wa botsa jaana: ‘A seo a se emelang, eleng tshiamo go botlhe, se gone eleruri mo nageng nngwe?’ Legale, naga nngwe le nngwe a na le melao, gammogo le bao ba tlhokomelang gore melao eo e a obamelwa. Mme gape go na le baatlhodi le dikgotla-tshekelo. Eleruri, batho ba le bantsi bao ba diragatsang molao ba ile ba leka go tshegetsa ditshiamelo tsa batho le go leka go bona gore tshiamo a dirwa ka tekatekano mo go botlhe. Lefa go le jalo, go bonala sentle fela gore maiteko a bone a ne a seka a atlega. Mo a ka nnang letsatsi lengwe le lengwe, re bona, le go utlwa, kana re bala ka tshenyego, go tlhoka tekatekano, le go tlhoka tshiamo.

Akanyetsa sekai sa mosadi mongwe yo a neng a tlisitswe kwa kgotla-tshekelong. Pele ga go ka supiwa gore a o molato kana nnyaa, moatlhodi o ne a mmolelela gore o ne a tla “tlhokomela” seo a neng a latofadiwa ka sone fa a ne a ka kopana nae kwa hoteleng nngwe e e ka kwantle ga motse, ka phepafalo go ya go dira bokopano jo bo sa letlelesegeng. Ee, bao ba tshwanetseng ba ka bo ba tlhomamisa gore tshiamo e a dirwa gantsi ba ile ba itshupa ba le boikepo kana ba sa tshwanelege. Makasine wa Time o ne wa bolela ka naga nngwe kwa United States koo nngwe tlhanong ya baatlhodi ba yone ba kgotlatshekelo a kgolo ba neng ba latofadiwa ka go itshwara ka tsela e e seng ya kafa molaong fa ba thusa moatlhodi-ka-bone.

Go feta moo, fa batho ba utlwa ka dikebekwa tse ka metlha di falolang katlholo, ba bantsi ba felelwa ke tshepo tota ba bo ba fitlhela go le motlhofo go tlola molao ka bobone. (Moreri 8:11) Re bala jaana ka Netherlands: “Ba-Dutch ba bantsi ba baya boradipolotiki molato ka go tlhotlheletsa go repisa molao goo go bakang thubakanyo. Ba bangwe ba latofatsa dikgotla-tshekelo, segolo bogolo baatlhodi . . . bao ba tswelelang ka go ntsha dikatlholo tse dinnye, kana fa gongwe e le tse di motlhofo fela thata.” Mme go tlhoka ga rona tshiamo go kopanyeletsa moo go fetang fela go siamisa bagatelelamolao le tsamaiso ya boatlhodi.

Lo itse gore mo dinageng tse dintsi setlhopha se sennye sa ba ba humileng se ntse se tswelela go huma, fa bontsintsi jo bo humanegileng bo lebagane le go tlhoka tshiamo mo go tsa itsholelo. Go tlhoka tshiamo go go ntseng jalo go nna gone fa batho, ka ntlha ya mmala wa bone, lotso, puo, bong, kana bodumedi ba sa bone tshono ya go ka tokafatsa maerno a bone, le eleng go itlamela. Go felela ka gore dimilione tse dintsi di tlhaselwe ke leuba, tlala, le malwetse. Fa batho ba bantsi mo dinageng tse di humileng ba solegelwa molemo ke ditsamaiso tsa kalafi tse di tlhabolotsweng, dimilione tse dintsi di a sotlega le go swa ka go bo ba sa kgone go duelela melemo eo kana le eleng one metsi a a phepa. O ka se ba bolelele sepe ka tshiamo! Sa bone fela ke go tsalwa le go fetela kwa lebitleng ba sa bona tshiamo epe.—Moreri 8:9.

Mme go tweng ka go tlhoka tshiamo moo go lebegang go sa kake ga baakanngwa ke motho? Akanya ka masea ao a tsholwang a na le bogole jo ba bo ruileng mo batsading—a foufetse, a sa itekanela mo tlhaloganyong, kana a le segole ka tsela nngwe? A mosadi o ne a ka utlwa go na le tshiamo fa ngwana wa gagwe a ne a tsholwa a le segole kana a tlhokafetse, fa basadi ba bangwe gaufi le ene ba tshotse bana ba ba itekanetseng? Jaaka tshekatsheko e e latelang a tla bontsha, go tlhoka tshiamo go go ntseng jalo go tla baakanngwa.

Lefa go ntse jalo, go tla go fitlha fano, a ga o dumalane le kakgelo e e mo go Moreri 1:15? Mo go yone kgosi e e botlhale le e e nang le boitemogelo a ne ya dumela jaana, go ya ka pono ya batho: “Se se shokamen ga se kake sa siamisiwa: le se se tlhokahalan ga se kake sa balwa.”

Monna yo o neng a itsege go feta a ne a le Jesu Keresete. Mo go Luke 18:1-5 re bala ka setshwantsho sa gagwe sa moatlhodi “eo o sa boihen Modimo, le motho a sa mo re sepe.” Ebu, motlholagadi mongwe o ne a emelela moatlhodi yono go mo atlholela ka tsela e e laolwang ke molao. Mme Jesu o ne a bolela gore moatlhodi yo o boikepo yoo o ne a mo thusa fela ka go bo kopo ya gagwe a ne e mo lapisa. Jalo, go ka bolelwa gore Jesu o ne a lemoga gore go tlhoka tshiamo go ne go le gontsi. Ebile tota, ene ka boene o ne a bogisiwa moragonyana a bo a bolawa ka tatofatso e e seng yone, seo a neng a le go sa diragatseng tshiamo go gongwe go gogolo!

Ba bantsi ba dumela gore go na le Modimo yo o amegang ka go tlhoka tshiamo. Mopapa John Paul II, o ne a bua jaana mo lefatsheng lengwe la Amerika Bogare fa go tshwerwe Mmisa: ” Fa o gataka motho, fa o sa tlhokomele ditshwanelo tsa gagwe, fa o mo siamololela mo gogolo, fa o mmogisa, fa o thuba mo ntlong ya gagwe mme o mo gapa ka thata kana o fedisa botshelo jwa gagwe, o dira molato gape o dira molato o mogolo mo Modimong.” Ke mafoko a mantle. Lefa go le jalo, go tlhoka tshiamo go ntse go a tswelela. Mo nageng yone eo bana ba ba ka nnang 8 mo go bangwe le bangwe ba ba lo ba ba kafa tlase ga dingwaga tse tlhano ga ba bone dijo tse di lekaneng. Bobedi lekgolong jwa batho ba na le 80 lekgolong ya naga e e ka lengwang.

Jalo a ruri-ruri go na le Modimo oo eleruri o amegang ka ditiro tse di ntseng jalo tsa go tlhoka tshiamo mo go maswe, Modimo oo eleng gore o tla amega ka go tlhoka tshiamo mo go go amang? A o tla ke o tlhomamise gore tshiamo a nne gone?

[Ntlha e e kwa tlase]

a Setshwantsho sa rona se se kafa ntle se tswa kwa Motsweding wa Justitia kwa Frankfurt am Main, kwa Jeremane. Sefikantswe se se mo tsebeng eno se kwa kagong ya mmasepala ya Brooklyn, kwa New York, U.S.A.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela