LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 11/15 ts. 3
  • Lefatshe je Lesha—Le Gaufi Thata!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lefatshe je Lesha—Le Gaufi Thata!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa Re Itseng Ka Teng Gore Re Tshela Mo “Metlheñ Ea Bohelō”
    A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
  • Bokhutlo bo Tla Tla Leng? Se Jesu a se Buileng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2021
  • Dilo Tseno Tsotlhe Di Kayang?
    Nnang Lo Disitse!
  • Nako e Lefatshe le Lesha le Tla Tlang ka Yone
    Tsogang!—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 11/15 ts. 3

Lefatshe je Lesha—Le Gaufi Thata!

LEFATSHE leno le mo ditlhabing tsa loso! A tota sena se ka nna boammaaruri? Ebu, a o ko o akanyetse maemo a lefatshe ka kelotlhoko.

Go na le dibetsa tsa nuklea tse di lekaneng go senya batho botlhe ba lefatshe ka makgetlo a le mmalwa. Dintwa tsa semorafe di ntse di lowa mo dinageng tse dintsi, jaaka Angola le Mozambique. Go na le dintwa tsa bomorafe mo Afrika Borwa, Sri Lanka, le dinaga tse dingwe. Borukutlhi le mauba le tsone di na le seabe se segolo mo matshelong a batho.

Go tweng ka leroborobo la AIDS? Sunday Times ya Afrika Borwa ya October 25, 1987 e ne ya e bitsa “loso lo los ha lwa bantsho” mme ya bua jaana: “Go tshosa ga Aids ya Afrika go senotswe: Ka bo-1994 go tla bo go setse go sule batho ba le barataro mo go bangwe le bangwe ba ba lesome mo dinageng dingwe.”

Maemo a a jalo a dira gore poifo e nne gone. Ke fela jaaka mofenyi wa sekgele sa Nobel Harold C. Urey a neng a bua dingwaga di le mmalwa tse di fetileng: “Re tlile go jela mo poifong, re robala mo poifong, re tshelela mo poifong, re bo re swela mo poifong.” Ka mo go kgatlhisang, Jesu Keresete, ebong moperofeti yo mogolo go gaisa yo o kileng a nna gone mo lefatsheng, o ne a bolelela pele gore mo metlheng ya bokhutlo ya lefatshe leno, batho ba tla “idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ.”—Luke 21:26.

Mme bontsi ga bo boife. Go na le moo, bo a ipela. Ka ntlhayang? Ka go bo bo itse gore tsamaiso ya lefatshe le no (eseng polanete ya Lefatshe) e gaufi le go khutla, mme lefatshe je lesha le gaufi thata. Ke ka ntlhayang fa ba tlhomamisegile thata jaana? Ke ka ntlha ya go diragadiwa ga dipolelelopele tse dintsi tsa Bibela.

Ka sekai, fa Jesu Keresete a ne a bodiwa gore sesupo sa go nna gone ga gagwe le sa bokhutlo jwa lefatshe e tla nna eng, o ne a bua jaana: “Morahe o tla cogologèla morahe, le bogosi bo cogologèle bogosi.” Ntwa ya Lefatshe I e ne ya tlhagoga ka 1914. E ne ya baka tatlhegelo e nt si ya matshelo e e kileng ya bakiwa ke ntwa go fitlha ka nako eo. Ka tatlhegelo ya masole a le kae? Bao ba ka nnang 9 000 000 ba ne ba swa, go sa balelwe dimilione tsa baagi ba gae. Mme ntwa ya Lefatshe II e ne ya senya le eleng go feta eo, e bolaya batho ba ka nna 55 000 000! Jesu o ne a bontsha gore tsotlhe tseno di ne di tla nna gone gammogo le ditlhaelo tsa dijo, dithoromo tsa lefatshe, dikgogodi tsa bolwetse, le thubakanyo.—Mathaio 24:7-13; Luke 21:10, 11.

Moaposetoloi wa Mokeresete Paulo le ene o ne a bolelela pele maemo a go ne jaanong a lefatshe ka tlhomamo. O ne a kwala jaana: “Mo metlheñ ea bohèlō go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ. Gonne batho ba tla nna baithati, le barati ba madi, le babelahadi, le baipegi, le bakgadi, le ba ba sa utlweñ batsadi ba bōnè, le ba ba sa lebogeñ, le ba ba sa itshèpañ, Ba sena loratō loa tlholègō, e le ba ba sa ichwareleñ, e le bapateletsi, ba sena boithibō, ba le bogale, e se barati ba molemō gopè, E le baoki, e le ba ba tlhōgōethata, e le ba ba ikgogomosañ, e le barati ba dikgatlhègō, bogolo go go nna barati ba Modimo; E le ba ba chotseñ sechwanchō hèla sa poihōmodimo, me thata ea eōna ba e latotse: le bōnè bauō u kgaoganè nabō.” (2 Timotheo 3:1-5) Paulo o ne a ka kgona go bolelela maemo a metlha ya segompieno pele ka tlhomamo jalo ka go bo Modimo o ne o mo tlhotlheleditse go kwala mafoko ao.

Jesu o ne a bua jaana, fa a ne a bua ka mafoko ao e leng a gagwe malebana le metlha ya bofelo: “Ha lo bōna dilō tse di dihala, itseñ ha bogosi yoa Modimo bo atametse.” (Luke 21:31) Dimilione di dirisa thapelo ya ga Jesu ya sekaelo go kopa gore Bogosi jwa Modimo bo tle. (Mathaio 6:9, 10) Mme fa ba bodiwa gore, “Bogosi jono bo tlile go dira eng tota?” Ga ba na karabo. Go farologana le bone, dimilione tse di ithutang Bibela ka tlhagafalo di ile tsa ithuta gore Bogosi bo tla fedisa lefatshe le no la bogologolo mme bo tla tlhoma lefatshe le lesha leo le tla tlisetsang batho mas ego a le mantsintsi a a senang palo. Mme jang? Le gone leng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela