A Tota Thapelo E Thusa ka Sengwe?
KA LABOTLHANO, May 31, 1985, go ne ga tsoga ditsuatsue tse di neng tsa ralala karolo ya borwa jwa Ontario, Canada. Moruti mongwe yo o neng a nna mo motsaneng mongwe wa Grand Valley o ne a lebelela fela a kgobegile marapo jaaka sefefo se rutlolola bonno jwa gagwe. Jaaka go ne ga begwa mo dikoranteng, o ne “a bona metlholo le dikotsi tseo di neng di diragalela magongwe fa a ntse a lebeletse bogale jwa tlholego jo bo boitshegang.”
Tota ruri, baratiwa le ditsala tsa batho ba babedi ba ba neng ba bolaiwa ke setsuatsue ba ne ba tsaya seno jaaka kotsi e e boitshegang. Mme go ne ga nna jalo gape ka diketekete le ba bangwe ba ba oketsegileng ba ba neng ba sala ba sena magae ka ntlha ya diphefo tseno tse di senyang. Mo letlhakoreng je lengwe, bontsi jwa bao ba neng ba falola fela ka bobi jwa segokgo mo losung kana mo kgobalong e e masisi ba tlhalosa go falola ga bone jaaka “dikgakgamatso.” Ron le modiri-ka-ene e ne e le ba babedi bano. Ba ne ba fitlha fa go babalesegileng mo karolong e e nonofileng ya kago ya ofisi ya bone morago ga metsotswana e le mene fela ba sena go tlhagisiwa. Fa ba sena go tlhalosa phalolo ya bone e e jesang kgakge ya loso, Ron o ne a re: “Ee, ke ne ke ntse ke dumela mo Modimong mme ebile le gone jaanong ke dumela mo Modimong.”
Go ile ga bolelwa gore fa go na le kotsi nngwe ya tshoganetso, e e sa lebelelwang, ‘tota ga go na ope yo go ka tweng ke molatola-Modimo.’ Fa mo dipakeng tseo go ne go ka nna le sebaka se se lekanyeng, go ne go tla utlwiwa dithapelo di le dintsi tse di tlhoafetseng tsa go bona tshireletso le go falola.
Ka Sontaga, July 21, 1985 banna ba feta lekgolo, basadi, le bana ba ne ba kopanela kobamelo mo Holong ya Bogosi mo Sydney, Australia. Morago ga pina e e bakang Modimo, phuthego e ne ya bulwa ka thapelo. Fa modihedi a sena go fetsa metsotso e le 15 a ntse a ruta thuto ya Bibela ka Sontaga mo mosong, ka tshoganyetso bomo e ne ya thunya go sa solofelwa, mme ya mo gobatsa mo go botlhoko, ya bolaya monna mongwe yo o neng a ntse kwa pele ga holo, mme ga bo ga isiwa batho ba ka feta 40 kwa sepatela.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 3]
A Thapelo e Thusa ka Sepe?
Ditiragalo tseno tsoo pedi tse di sa tswang go anelwa—e nngwe e tlhalosiwa jaaka “bogale jwa tlholego jo bo boitshegang” mme e nngwe jaaka tiro ya borukutlhi—di tsosa dipotso kaga bomosola jwa thapelo. Tota mosola wa go rapela ke eng? A tota ruri thapelo e dira sengwe? A go rapela go thusa ka sengwe?