LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 1/15 ts. 32
  • Mmino o o Fodisang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mmino o o Fodisang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 1/15 ts. 32

Mmino o o Fodisang

Mmè mongwe yo monana mo Iowa, U.S.A., o tlhalosa jaana: “Ke bona gore ke tshwanetse go lo kwalela jaana go lo bolelela kafa ditheipe tsa lona tsa [piano] ‘Sing Praises to Jehovah’ di se dirileng mo go nna le balelapa la me. Letsatsi le letsatsi, ke poapoetsa ngwanake wa dingwaga tse tharo gore a robale. Mme pele ga moo re bulela theipi, ke bo ke ntsha buka ya me ya dipina ke opela le ene fa a ntse a tshwarwa ke boroko.”

Mmè yono o tswelela pele ka go tlhalosa kaga botsalo jwa ngwana wa gagwe yo mongwe yo o saleng mmotlana yo o tsetsweng pele ga nako le botlhoko jo a bo bonyeng ka tiriso ya motshini o o hemisang, oo thoba e neng ya somelwa mo mometsong wa gagwe mo go one. O anela jaana: “Ke ne ka botsa baoki gore a ke ne ke ka mo tlela setshameka-ditheipi le ditheipi tsa mmino. Ba ne ba dumalana. Baoki ba ne ba sala ba itshwere melomo fela fa ba bona kafa ditheipi di neng di mo thusa ka gone go wela makgwafo. Ba ne ba tlhalosa gore nako le nako fa a batla go lela, se ba neng ba se dira fela e ne e le go mo tshamekela mmino. Mooki mongwe o ne a ba a re: ‘Ke eletsa ekete re ka bo re na le mofuta o o ntseng jaana wa mmino go o tshamekela bana. Ruri o monate. Se masea ano a se utlwang fela ke go kuba-kuba ga metšhine.’”

Tota ruri, ba le bantsi ba fitlhetse gore mmino o ba lapolosa mo moyeng. Alebamo e ntle e e nang le setlhogo se se reng “Sing Praises to Jehovah,” e e nang le dikhasete di hera bobedi, e gone fela ka R40. O ka ikamogelela alebamo eno ka go tlatsa le go romela foromonyana le tuelo ya gago.

Tswee tswee nthomelelang, poso e duetswe, alebamo ya “Sing Praises to Jehovah” e e nang le dikhasete tsa ditheipi tsa mmino di hera bobedi. Ke romela le R40.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela