LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 11/15 ts. 30-31
  • ‘Go Tswa Bokgobeng jwa go Dira Ditena go ya Kgololesegong!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Go Tswa Bokgobeng jwa go Dira Ditena go ya Kgololesegong!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 11/15 ts. 30-31

Go Tswa Bokgobeng jwa go Dira Ditena go ya Kgololesegong!

A DIPIRAMITI tsa Giza (gaufi le Cairo ya gompieno) di re gakolola makgoba a a neng a sotlwa a a neng a bereka mo letsatsing le le mogote go gogela matlapa a magolo mo a tshwanetseng go nna gone? A mme o akanya ka makgoba a Bahebera a le gareng ga bone?

Tota ebile, dipiramiti tsa Egepeto tse di bonwang mo tsebeng e e latelang di sale di nna gone pele ga motlha wa fa lelapa la ga rraagwe Josefa ebong Jakobe (kana, Iseraele) le ne le fudugela kwa Egepeto. Mme se se tlwaelesegileng thata go gaisa dikago le matlapa a magolo e ne e le tiriso ya ditena, tse di neng di dirwa ke dimilione tsa batho mo letsatsing le le lelang.

Bahebera ba ba neng ba amogelwa mo Egepeto ka nako ya ga Josefa ba ne ba segofadiwa ke Modimo ka ntsifalo. mo go neng ga tsenya Baegepeto mo poifong. Re bala jaana: “Ke gōna ka mouo ba tlogile ba . . . tlhōmèla [Bahebera] badihisi go ba utlwisa botlhoko ka merwalō ea bone. Mme ba agela Farwe metse . . . Baegepeto ba dirisa bana ba ba Iseraela ka bopeloethata: Mme ba dira gore go tshela ga bōnè go nne botlhoko, ka tihō e e thata, ya serètsè le ea setene.”​—Ekesodo 1:7-14.

Fa o leba kafa mojeng, o ka bona gore ditena di santse di dirwa kwa Egepeto, tse dingwe di besiwa mo dibesong jaaka se se bonalang fano. (Bapisa Genesise 11:1-3; 19:28.) Leta go ntse jalo, go bonala gore mo bontsing jwa Baegepeto ba bogologolo ditena di ne di omisiwa ka letsatsi. Se se santseng se le teng ke go dirisiwa ga lotlhaka mo go direng ditena. Lotlhaka lo bonala mo diteneng tse di fitlhetsweng mo matlotleng a a neng a epololwa a Beresheba ya bogologolo (motsenyeletsong).

Go tsenya lotlhaka mo diteneng go ne go di nonotsha. Go di dira, seretse (kana mmopa), metsi, le lotlhaka di ne di gatakwa ka bonya ka dinao, mme di iteelwe mo diforomong, mme kwa bofelong di anegwe gore di ome. Akanya o bereka mo tirong e e ntseng jalo mo letsatsing le le leele morago ga le lengwe. Ruri, o ka tlhaloganya gore ke ka ntlhayang fa Baiseraele ‘ba ne ba fegelwa ka ntlha ya bokgoba mme ba lela ka go ngongorega. mo eleng gore selelo sa bone sa boikuelo se ne sa fitlha kwa Modimong wa boammaaruri.’​—Ekesodo 2:23.

Jehofa o ne a ba utlwa mme a roma Moshe kwa go Farwe gore a golole Baiseraele. Mo boemong jwa moo, Faro yo o boikgogomoso o ne a oketsa morwalo wa bone. Jaanong ba ne ba tshwanelwa ke gore ba ikgobokanyetse lotlhako lwa bone, mme ba ntse ba dira ditena tse di lekanang le tsa peie. Ruri. seno se ne se tshwana le katlholo ya loso! Modimo o ne wa re: “Yanoñ u tla bōna se ke tla se dihèlañ Farwe; gonne o tla ba lesa ka lecōgō ye le thata ba tsamaea.”​—Ekesodo 5:1–6:1.

Gongwe o itse se se neng sa latela. Jehofa o ne a nonofile go fenya Farwe yo o bodipa. Morago ga petso ya bolesome, Modimo ‘o ne wa ntsha bana ba Iseraele mo lefatsheng la Egepeto.’ (Ekesodo 12:37-51) Iseraele o ne a tsamaya a ya kwa Lefatsheng la Tsholofetso, ba tlogela dipiramiti, ditena, le bokgoba jo bo setlhogo. Dintlha tse di ntseng jalo tsa hisitori di tshwanetse go re tlhomamisetsa bokgoni jwa ga Jehofa Modimo iwa go baakanyetsa Bakeresete kgololesego ya boammaaruri mo lefatsheng je lesha je le tlang, ka paradaise ya lone ya selefatshe.​—Bapisa Baroma 8:20, 21.

[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 31]

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]

Ditshwantso mo tsebeng ya 30, 31: Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela