Bodiphatsa jwa Khumo le Khumanego
A BIBELA e nyatsa khumo le go kgothaletsa khumanego? Batho ba le bantsi ba akanya jalo. Mme diane tse pedi tse di tshwanang dithusa go phepafatsa seno.
Diane 10:15 ya re: “Khumō ea mohumi ke eōna motse oa gagwè o o thata: se se senyañ bahumanegi ke lehuma ya bōnè.” Mme Dia 10 temana ya 16 e oketsa ka go re: “Letsapa ya mosiami le isa kwa botsheloñ: totahalèlō ea moikepi e isa boleuñ.” Elatlhoko kafa diane tse pedi tseno di nyalanang ka teng.
Dia 10 Temana 15 e supa gore khumo e na le mesola ya yone, khumanego e na le go tlhoka mosola ga yone. Dikhumo di ka thusa go sireletsa motho mo dilong dingwe tsa go sa tlhomamisege ga botshelo. Motho yo o humanegileng, lefa go le jalo, o ka nna le mathata a a oketsegileng ka go bo a sa kgone go lepa-lepana le ditiro tse di sa solofelwang ka ntlha ya go tlhoka madi. Mo ntlheng eno Bibela e bua se se leng boammaaruri.—Moreri 7:12.
Lefa go ntse jalo, Dia 10 temana 15 gape e ka tlhaloganngwa e le e e tlhagisang ka kotsi e e kopanyeletsang khumo kana khumanego. Bontsi jwa batho ba ba humileng ba baya tshepo ya bone e e feletseng mo mading; ba a tsaya e le tshireletso yotlhe e ba e tlhokang. (Diane 18:11) Lefa go le jalo, dikhumo ga di kake tsa ba thusa go nna le leina le le molemo le Modimo kana tsa ba tlhomamisetsa boitumelo jo bo sa feleng. Tota ebile, dikhumo di ka ba thatafaletsa seo. Setshwantsho sa ga Jesu sa monna wa mohumi yo o agang mabolokelo a magolo mme a sa humela Modimo se supa seno. (Luke 12:16-21; 18:24, 25) Mo letlhakoreng je lengwe, bontsi jwa batho ba ba humanegileng ba nna le pono e e phoso ya gore khumanego ya bone e dira gore isagwe ya bone e seka ya nna le tsholofelo.
Elatlhoko kafa Dia 10 temana 16 e sobokanyang kgang eo ka teng. E ka tswa motho yo o siameng a na le madi a mantsi kana a mabotlana, tiro ya gagwe e ka mo leretse boitumelo. Ga a letle gore madi a a a bonang ka go a berekela a kgoreletsane le boemo jwa gagwe jo bo molemo fa pele ga Modimo. Go na le moo, maiteko a botshelo a motho yo o siameng a tla mo leretse, mo godimo ga boitumelo jwa jaanong, tlhomamisetso ya botshelo jo bo sa khutleng mo isagweng. (Yobe 42:10-13) Moikepi, lefa go le jalo, gaa solegelwe molemo lefa a ka nna le madi a mantsi. Go na le go anaanela mosola wa madi wa go sireletsa gammogo le go tshela tumalanong le thato ya Modimo, o dirisa dikhumo tsa gagwe go tsweledisa botshelo jwa sebe.