LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 8/1 ts. 7
  • Mpho ya Mofuta wa Yone Fela e Bana ba Nang Nayo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mpho ya Mofuta wa Yone Fela e Bana ba Nang Nayo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “A a Tswang Melomong ya Banyana”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Basha, Bakang Jehofa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Basha ba ba Bakang Jehofa ba Tokafatsa Matshelo a Bone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Ba Baka Jehofa Kwa Sekolong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 8/1 ts. 7

Mpho ya Mofuta wa Yone Fela e Bana ba Nang Nayo

GO BUA ka bopelo-e-phepa ga bana gantsi go dira gore bagolo ba eme ba akanye. Nako nngwe, fa basimane bangwe ba sena go bona Jesu a dira dingwe tsa dikgakgamatso tsa gagwe, ba ne ba goa ba re: “Hosana, Morwa Dafide.” Baeteledipele ba bodumedi ba ne ba ngongoregela seno. Ka go bo ba ne ba foufaditswe ke lefufa, ba ne ba sa lemoge gore Jesu e ne e le setlogolwana sa ga Kgosi Dafide sa Bomesia. Mme Jesu o ne a ba araba a re: “A ga lo e se lo ko lo bale ha go reñ, [Modimo] U lekantse pakō ka a a cwañ melomoñ ea banyana le ba ba anyañ?” (Mathaio 21:15, 16) Gompieno, Modimo o santse o dirisa ‘melomo ya banyana’ go thusa bao megopolo ya bone e foufaditsweng ke thuto ya maaka.​—2 Bakorintha 4:4.

◻ Daleen, wa dingwaga tse 12, o ne a itshupa a le mosetsanyana yo o kgonang go sikara boikarabelo kwa sekolong. Letsatsi lengwe o ne a abelwa go dira sengwe fela le bana ba mophato wa gagwe fa morutabana wa gagwe a santse a dira tiro e nngwe. O ne a tla dirang? “Ke ne ka bona gore ke tihalosetse bana ba mophato wa me gore batho ba ba siameng ba ne ba tla tshelela ruri mo lefatsheng le gore batho botlhe ga ba ye legodimong,” Daleen a bolela jalo. Ka tetlelelo ya morutabana, Daleen o ne a bolelela bana ba mophato wa gagwe boikitsiso jwa gagwe ka tsela ya puisanyo le molekane wa gagwe yo o neng a iketleeleditse go dira jalo. O ne a bala Dikwalo di le mmalwa, go akareletsa le Pesalema 37:29 e e reng: “Basiami ba tla rua lehatshe, ba tla aga mo go yeōna ka bosakhutleñ.” Karabelo e ne ya nna efe? “Morutabana o ne a tlogela tiro ya gagwe mme a reetsa ka tlhoafalo fela jaaka bana,” ga bolela jalo Daleen. “Morago ga moo o ne a nteboga, mme bana ba sekae ba ne ba botsa dipotso.”

◻ Lillian, wa dingwaga tse 5, o nna le batsadi ba gagwe dikilometara di le 19 ka kwantle ga toropo nngwe e potlana ya Afrika Borwa koo ba yang dipokanong teng gangwe le gape ba bileng ba tsenelela mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo. Sontaga mongwe, batsadi ba gagwe, ka baka la bothata bongwe jwa koloi, ba ne ba fetsa ka gore ba seka ba ya go rera. “Ke ka ntlhayang fa re sa ye go rera?” Lillian a botsa. Ka go bo a ne a sa kgotsofadiwe ke lebaka le le ntshitsweng, o ne a re: “Nna ga ke na go letlelela seo go nthibela.” Moragonyana mmaagwe o ne a lemoga gore Lillian o ne a seo gammogo le kgetsi ya gagwe ya go rera. Mosetsana yo monnye yoo o ne a tshwaregile ka go etela batho ba matlo a a bapileng le ya ga gabo, a neela batho dibuka tsa Bibela ka peloentle​—gammogo le Bibela e e dirisiwang ke mmaagwe! Mmè mongwe yo o godileng o ne a kgatlhwa thata ke tlhaloso ya ga Lillian ya Paradaise e e tlang mo moragonyana a neng a amogela go lalelediwa go ithuta Bibela ke mmaagwe Lillian. Mosadi yono o ne a felela a le moobamedi yo o ineetseng wa ga Jehofa.

Ee, Modimo o santse o dirisa ‘melomo ya banyana’ go neela pako. Bopelo-e-phepa jwa bone bo ka ama dipelo tsa bagodi fela thata. Ka tshwanelo, he, bana gammogo le bagolo ba kopanyelediwa mo taletsong e kgolo e e reng: “Bakañ Yehofa lo le mo lehatshiñ . . . makau a na le basetsana; banna bagolo le banyana: A ba bakè leina ya ga Yehofa; gonne leina ya gagwè ke yeōna yeosi ye le goletsegileñ.”​—Pesalema 148:7, 12, 13.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela