LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 8/1 ts. 3
  • Dipotso Tse Batho ba di Botsang Kaga Bojalwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse Batho ba di Botsang Kaga Bojalwa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Modimo o Amogela Tsela e o Nwang ka Yone?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Bakeresete ba Tshwanetse go Leba Bojalwa Jang?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Go nwa Bojalwa, o Ka go Laola Jang?
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • Bojalwa
    Tsogang!—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 8/1 ts. 3

Dipotso Tse Batho ba di Botsang Kaga Bojalwa

“BANNA ba ba botlhale ga ba nwe bojalwa jwa mofine gotlhelele.” Go ne ga bolela jalo moruti mongwe wa Mo-Nigeria. Eseng bogologolo thata, polelwana eo e ka bo e gannwe jaaka e e sa amogelesegeng le e e seng ya tlhabologo, Lefa go le jalo, gompieno mogopolo wa go nna kgatlhanong le bojalwa o nna montsi mo dikarolong dingwe tsa lefatshe.

Ka sekai, patlisiso nngwe ya Reader’s Digest/​Gallup (U.S.), e senotse gore “Ma-Amerika ba simolotse go fokotsa go nwa bojalwa.” Makasine wa Time ka go tshwana o bega gore “Amerika e fokotsa [go nowa ga bojalwa], mme ebile e dira jalo ka bofefo fela thata go feta nako lefa e le efe fa e sale Thibelo e simololwa ka 1920,” France e bega phokotsego mo go noweng ga bojalwa jwa mofine.

Ke eng se se bakang phokotsego eno? Bangwe ba tlhagisitse thata ka go gailega mo go maswe ga batho mo ditseleng tse dikgolo mo go bakiwang ke bakgweetsi ba ba tagilweng. Reader’s Digest e ne ya bolela gore, “ka 1983 bojalwa . . . bo ne jwa dira gore go senngwe dibilione tse $89.5 [United States] [R179 dikete tsa dimilione] tsa diranta mo go latlhegelweng ke tiro le mo tirong e e sa dirweng ka botlalo, kalafi, go latlhegelwa ke dithoto le bokebekwa, gammogo le tshenyo e kgolo ya matshelo a lelapa a bao ba kopanyelediwang.” Ga go gakgamatse he, go bo Mokgatlho wa Lefatshe wa Botsogo wa UN o ne wa akantsha bosheng jaana gore dipuso di ‘thibele bojalwa ka baka la botsogo le go tshela sentle ga batho ba tsone.’​—New Nigerian, March 16, 1983.

Bangwe ebile ba gatelela gore bo tlogelwe gotlhelele. Moruti wa Mo-Nigeria yo o tsopotsweng fa godimo o bolela jaana: “Diane 20:1 e bua ka tlhamalalo gore ba ba nwang bojalwa jwa mofine ga ba botlhale,” Mme moruti mongwe le ene o ne a gatelela ka go re: “Dikwalo tse di Boitshepo di kgala bojalwa mo bukeng ya Isaia,” a lebisitse mo ditemaneng tsa Isaia 5:11, 12, le Isa 5:22.

Ka baka la dipolelo tseno, batho ba ipotsa jaana: Ditemana tse di buang jalo tsa Dikwalo di rayang? A Bibela tota e iletsa go nowa ga dino tsa tagi gotlhelele? A Jesu ka boene gaa ka a nwa bojalwa jwa mofine? A kana go ne go nowa matute a moretlwa a a sa tageng? Ka baka la bodiphatsa jo bo itsegeng jo bo kopanyelediwang, a go ka bo go le botoka gore Bakeresete ba ithibe mo go nweng bojalwa? Dikarabo tsa dipotso tseno di ka bonwa ka go leba mo Bibeleng ka boyone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela