Pego ya Baboledi ba Bogosi
Chile e Tlhogonolofala Ka Lesedi le le Oketsegileng
LESEDI la boammaaruri jwa Bibela le ne la tsena lantlha mo Chile ka 1930, le tshwana le marang a mantle a letsatsi a a gasang mc godimo ga dithaba tsa Andes mo maphakeleng. Mo ngwageng oo, mongwe wa batlhanka,ba ba ineetseng ba ga Jehofa o ne a tla a tswa Argentina a tshotse mafoko a a molemo. Gompieno, lesedila Lefoko la Modimo le phatsimetse mo dikarolong tse di kgakala tsotlhe tsa lefatshe leo.
Lefa ofisi ya ntlha ya lekala mo Chile e ne ya tlhomiwa ka 1945, kago e ntšha, e kgolo ya lekala e ne ya agiwa ka 1970, fa palo ya baboledi ba Bogosi e ne e fitlhile go 7 000. Mo dingwageng tse di lesome tse di latelang, lesedi le le oketsegileng le le tswang mo Lefokong la Modimo le ne la ama dipelo tse dintsi tse di arabelang sentle. Masimologong a bo-1980 go ne ga tlhokega katoloso e nngwe ya ofisi ya lekala ka bofefo. Ka gone, ka September 1982, go ne ga rekiwa setsha sa diheketara di le 7 ka kwantle ga toropo ya Santiago. Mme morago ga tiro e ntsi ya go simolola, go ne ga simololwa go epiwa ka June 1984.
Go ne go itumedisa go bona kafa bakaulengwe ba Chile, ba basha le ba bagolo, ba neng ba tshegetse tiro eo ka teng ka go ntsha ga bone meneelo ka bopelotshweu. Diketekete tsa ba bangwe ba ne ba dirisa nako ya bone le dikitso jaaka dimpho. Bangwe ba ba neng ba thapiseditswe boranyane ba ne ba thusa mo tirong ya boenjiniere. Ba bangwe ba ne ba dira tiro ya go betla. ya go nosetsa ditshipi, ya go dira digaretene, le ya go jwala ditlhare tse di kgabisang, kana go tla go thusa fela ka lorato ka go tlhagola, go kgorometsa dikiribane. le go epa mesele. Tota, go oketsega ga lesedi la Lefoko la Modimo go amile dipelo tsa batho ba gagwe ga ba ga ba kgoromeletsa go italetsa ka pelo e e thamileng.—Pesalema 110:3.
Go utlwana le go iketleetsa go ne ga lemogiwa ke ba ba ka kwantle. Bora-kgwebo ba bantsi le e leng barutwana ba unibesithi le boporofesa ba ne ba tla kwa lefelong la kago go tla go bona le go ithuta. Moagi mongwe o ne a batla go hira setlhopha sotlhe se se neng se tshela konkoreiti go tla go mo thusa mo kagong ya marekisetso a magolo e a neng a e aga. Rakgwebo mongwe o ne a akgela kafa babereki ba neng ba farologane ka teng—ba sa tlhapatsane, lefa e le go tshwakgafala. Fa a ne a bolelelwa gore botihe ke Basupi ba ga Jehofa le gore ba ne ba tlile foo jaaka baithaopi, o ne a arabela ka gore: “Ga o kake wa bona se se ntseng jaana gope. Lo batho ba lefatshe le sele lona batho ke lona.”
Labofelo, ka August 1986 babereki ba lekala la Chile ba ne ba fudugela mo kagong e ntšha e e kwa Puente Alto. Mme ka October 25, fa A. D. Schroeder wa Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa a ne a le teng koo, boidiidi jwa batho ba ba matlhagatlhaga ba ba 933 ba ne ba bolela go emanokeng ga bone ga pelo yotlhe mo go neelweng ga dikago tse disha go dirisediwa tirelo ya ga Jehofa. Letsatsi le le latelang, go ne ga tshwarelwa tiragalo e e kgethegileng kwa lebaleng la metshameko le le gaufi le lefelo leo, mme batho ba ba 18 012 ba ne ba oketse tshwetso eo ke siya bone.
A tota katoloso eno e a tlhokatala? Letla mabaka go go neela karabo. Fa lefelo leo le ne le rekwa ka 1982, go ne go na le baboledi ba Bogosi ba le 17 500 mo Chile. Jaanong go na le ba ba fetang 29 000! Mme jaanong ka go bo go tsamaisiwa dithuto tsa Bibela tsa magae tse di ka nnang 40 000, koketsego e tla nna e tswelela-pele Jalo a esedi la Lefoko la Modimo le phatsime fela thata mo lefelong leno le e ungwang le le mo dithoteng tsa Andes. kgalaletsong ya ga Jehofa e tshegofatsong ya batho ba gagwe.—Daniele 12:3.