Pego ya Baboledi ba Bogosi
Go Kopana mo go Itumedisang mo Brazil
BARONGWA ba le 63 mo go ba le 67 ba ba katisitsweng kwa Gileade ba jaanong ba direlang mo Brazil. ba ne ba kopana kwa ofising ya lekala mme ba tsewa senepe seno se se kgatlhisang thata. Go kopana mo go itumedisang mo go ne ga nna ka Noyember 18, 1986, mo loetong lwa ga A. D. Schroeder. leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, New York.
E ne e le dingwaga tse 41 tse di fetileng go fitlha mo e ka nnang letsatsi leo—ka November 17, 1945—fa baalogi ba babedi ba setlhopha sa ntlha sa Bibela sa Watchtower sa kwa Gileade ba ne ba tla mo Brazil. Go mongwe wa bone, Charles Leathco (yo o kwa morago mo molemeng gotswa mo bogareng), seno e ne e le go kopana mo go kgethegileng ka ntlha ya gore ene le moeti Charlotte Schroeder e ne e le ba setlhopha se le sengwefela sa Gileade, mme Mokaulengwe Schroeder e ne e le mongwe wa barutisi ba bone.
Fa e sale ka setlhopha seo sa ntlha, barongwa ba le 258 botlhe ba ile ba tla mo Brazil. Mo gare ga bone go ne go na le ba le 16 ba e neng e le ba Brazil ka tlholego. Mongwe wa bone, ebong Augusto Machado (yo o fa pele kafa molemeng), o ne a ithuta boammaaruri mo morongweng mongwe wa ntlha. o ne a ya Gileade a bo a boela mo Brazil. O ile a direla mo ofising ya lekala ka dingwaga tse 30 tse di fetileng mme jaanong ke mookamedi wa Komiti ya Lekala. Lemororo bontsi jwa barongwa bao ba sa tlhole ba direla mo tirong ya borongwa, tiro e ntle e ba e dirileng e setse. Ka 1945 go ne go na le baboledi ba Bogosi ba le 394 fela mo lefatsheng leo; mme jaanong Brazil e fetile palo ya 200 000, e begile tlhora ya 201 226 ya baboledi ka February 1987.
Abo e ile ya nna boipelo jang ne mo barongweng ba Brazil, ba basha le ba bagolo, go gakologelwa kwa kopanong eno e e itumedisang ditiragalo tse di gakgamatsang tsa dingwaga tse 41 tse di fetileng.