A Isagwe ya Bagodi E Letobo?
“NKILE ka ne ke le lekau,” go ne ga bolela jalo Kgosi Dafide. “Me yana ke cohetse.” (Pesalema 37:25) Mo metlheng ya Bibela batsofe e ne e le palo-potlana ya ba ba tlotlegang. Lefa go ntse jalo, fa ditshekamelo tsa gompieno di ka tswelela, batsofe ga ba kitla ba nna palo-potlana kana e nna ba ba tlotlegang.
Mo United States fela, go na le batho ba ba dingwaga tse di fetang 65 ba ba fopholediwang mo palong ya dimilione di le 26. Ka ngwaga wa 2040 palo eno e ka nna ya menagana gararo! Go ya ka makasine wa Asiaweek, dinaga dingwe tsa Asia “di lebeletse dipalo tsa batsofe ba tsone go menagana gabedi mo dingwageng tse di lesome tse di tlang.” Lefa go ntse jalo, matshosetsi a gore palo ya batsofe e tla feta ya basha, ga e neele batsofe tsholofelo epe e e itumedisang Gone jaanong, go na le palo e e tshosang ya ba ba iphitlhelang ba tlogetswe fela ebile ba sena magae. Bangwe ba tlogelwa ba felela mo dikokelong le mo magaeng a tlhokomelo—ba le nosi, ba sa tlholwe, ebile ba sa tlhokomelwe Ditiragalo tse di hutsafatsang tsa go tlhokomologa le go sotla di begwa le e leng mo mafatsheng ao batsadi ka ngwao ba neng ba tlotlwa.
Go ne ga kwala jaana G. M. Ssenkoloto wa makasine ya World Health: “Go ya ka ngwao mo bontsing jwa mafatshe a Afrika, tota le e leng mo bontsing jwa Mafatshe a a Tlhabologang, lelapa lengwe le lengwe le ne le itlhokomelela basadibagolo. Mosadi yo o neng a sena bana ba ba ka mo tlhokomelang o ne a tlhokomelwa ke baagelani kana ke motse otlhe.” Lefa go ntse jalo, o bega gore: “Botlhokwa jwa botsofe bo a fetoga. Dikgatelelo tsa itsholelo, go sa dirisiweng sentle ga mahumo, boikgagapeledi jwa dilo tse di bonalang, go kgaratlhela tlotlo le maemo—tsotlhe tseno di hupetsa botlhokwa jo bo siameng jwa tlholego mabapi le go tlhokomela bagodi.”
Ka gone mafoko a mokwadi wa Bibela Agure a itshupa a le boammaaruri thata-thata: “Go na le losika loa batho ba ba rogañ borrabō, me ba sa segōhatse bommabō.” (Diane 30:11) Ee, bagodi ba ntshiwa mo maemong a a tlotlegang a ba neng ba a ipelela mo dinakong tsa bogologolo. Bontsi bo ba leba jaaka ba ba busetsang kwa morago go na le ba ba botlhokwa. Ka kakaretso, tsholofelo ya bone e letobo.
Lefa go le jalo, Bakeresete ba boammaaruri ba leba bagodi jang? A ba bolokile “ditekanyetso tse di siameng tsa tlholego” mabapi le bone?