Dipotso tse di Tswang go Babadi
◼ A go tshwanetse go bua kaga “lefatshe je lesha” je le tlang?
Potso eno e ka bodiwa ka tshwanelo, ereka lefoko la Segerika le gantsi le ranolwang “lefatshe,” koʹsmos, le thaegile le raya losika lwa motho, gape Modimo o sa kake wa dira lotso lo losha lwa losika lwa motho. Go feta moo, mo Bibeleng ga re fitlhele lefoko kai·nosʹ koʹsmos, (se tota se rayang “lefatshe je lesha”).
Mme go dirisa ga Bibela ko’smos go letlelela Mokeresete go bua kaga “lefatshe je lesha” fa a bua ka Paradaise e e tsosolositsweng e e tlang mo lefatsheng. The New International Dictionary of New Testament Theology e tlhalosa jaana: ‘Leina koʹsmos kwa tlholegong le raya kago, mme segolo-bogolo le raya thulaganyo.’ Buka eno ya tlhaloso-mantswe e oketsa ka gore lefoko leno gape le na le megopolo e e tlhamaletseng, jaaka “mokgabiso le go ikgabisa,” “tsamaiso ya botshelo mo mokgatlhong wa setho,” le “baagi ba lefatshe. setho.”
Mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete, ko’smos gantsi e dirisiwa ka mogopolo wa lelapa lotlhe la setho. Ka gone re bala gore “botlhe ba leohile [ke gore, ditlogolwana tse di sa itekanelang tsotlhe tsa ga Adame], ba tlhaetse kgalaleco ea Modimo.” (Baroma 3:19, 23) Mo letlhakoreng je Iengwe, “Modimo o ratile lehatshe [ko’smos] mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna . . . a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.” (Yohane 3:16) Ee, setlhabelo sa ga Keresete ke sa mongwe le mongwe mo lelapeng la setho yo o nang le tumelo.
Fa seo e ne e le yone tiriso fela ya Bibela ya koʹsmos, go ne go tla bo go sa utlwale go bua ka “lefatshe je lesha” je le tlang. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya gore bangwe ba losika lwa motho ba tla falola sepitla se segolo se se tlang. Go tloga foo bano ba tla nna le sebaka sa go tshela mo Paradaiseng e e tsosolositsweng. Ka gone Modimo ga o kitla o bopa lotso je lesha la setho, losika lwa motho je lesha, lefatshe je lesha la batho. Lefa go ntse jalo, Bibela ga e dirise koʹsmos fela go raya losika lotlhe lwa motho.
Ka motlhala, ka dinako tse dingwe lefoko leno la Segerika le raya setho sotlhe se se itomolotseng mo Modimong. Bahebera 11:7 ya re ‘ka tumelo Noa . . . o ne a sekisa lefatshe [koʹsmos].’ Ka mo go phepafetseng ga ka a sekisa mongwe le mongwe, losika lotlhe lwa motho; Noa le balapa la gagwe ba supa ba ne ba falola Morwalela. Ka mo go tshwanang, Jesu o ne a rapela jaana: “Ga ke rapelele lehatshe [koʹsmos], ha e se bonè ba u ba nneileñ: . . . lehatshe ya ba ila, ka go bo ba se ba lehatshe, hèla yaka nna ke se oa lehatshe.”—Yohane 17:9, 14; bapisa 2 Petere 2:5; 3:6.
Lefa go le jalo, a re lebeng mogopolo o mongwe gape oo Bibela e dirisang ko’smos mo go one. Seno ke go supa popego, thulaganyo, kana seemo sa botshelo jwa motho.a Re kopana le tiriso e e ntseng jalo mo kakgelong ya ga Jesu: “Motho o tla bo a ka thusèga eñ, leha a ka henya lehatshe [ko’smos] yeotlhe, me a latlha botshelo yoa gagwè?” (Mathaio 16:26) Ka phepafalo, Keresete o ne a sa bue kaga motho go ‘gapa lefatshe lotlhe la losika lwa motho,’ lefa e le ‘lefatshe lotlhe la batho ba ba itomolotseng mo Modimong.’ Ga se setho se motho yo o ratang dilo tse di bonalang a neng a ka se gapa, mme ke se batho ba neng ba na naso, ba se dira, kana ba se rulaganya. Seno se ne se le boammaaruri gape ka kelotlhoko ya ga moaposetoloi Paulo kaga go tshwenyega ka dilo tsa lefatshe ga motho yo o nyetseng kana yo o nyetsweng. Ka mo go tshwanang, Mokeresete ga a tshwanela go ‘dirisa lefatshe ka botlalo.—1 Bakorintha 7:31-33.
Ka tlhaloganyo eno, ko’smos e raya se se tshwanang le lefoko la Segerika ai·onʹ. le le ranolwang “tsamaiso ya dilo” kana “motlha.” (Bona Aid to Bible Understanding, ditsebe 1671-4. Mo mabakeng mangwe re fitlhela gore mafoko a mabedi a ka nna a dirisiwa ka go fapaanngwa. Tlhokomela dikai tse pedi tsa go tshwana ga koʹsmos le ai·onʹ: (1) Paulo o ne a kwala gore o ne a tlogetswe ke Demase, ka a “ratile lehatshe yeno [ai·onʹ].” Mme moaposetoloi Johane o ne a gakolola kgatlhanong le ‘go rata lefatshe [ko’smos],’ kwa go simologang “thato ea nama, le kgatlhego ea matlhō, le mabela a botshelō” teng. (2 Timotheo 4:10; 1 Yohane 2:15-17) (2) Yohane 12:31 e bua ka “kgōsana ea lehatshe yeno [ko’smos],” yo o tlhalosiwang mo go 2 Bakorintha 4:4 e le “modimo oa lehatshe yeno [ai·onʹ].”
Ka gone moo, koʹsmos, kana “lefatshe,” e ka dirisiwa malebana le setho sotlhe gammogo le popego ya seemo sa setho. Ka baka leno, ka tshwanelo le ka tlhomamo e e tshwanang re ka bua ka ‘tsamaiso e ntsha ya dilo’ e e tlang kana ka “lefatshe je lesha” je le tlang. Seno e tla bo e le popego e ntšha, thulaganyo ya lefatshe, kana seemo sa botshelo jwa setho. Bontsi jwa ba ba tla agang mo Paradaiseng ya lefatshe e e tsosolositsweng ba tla bo ba kile ba tshela mo tsamaisong e kgologolo ya dilo. Lefa go le jalo, ba tla bo ba e falotse kana ba tsositswe mo baswing. Jalo ba tla bo ba le sone setho sele. Lefa go ntse jalo, fa lefatshe la losika lwa motho lo lo itomolotseng mo Modimong le seyo, mme go na le paakanyetso e ntsha, kana thulaganyo, tse di thailweng mo go reneng ga go rata ga Modimo mo go senotsweng, Paradaise e e tsosolositsweng eo e tla bo e le lefatshe je lesha.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Buka ya tlhaloso-mantswe e e tsopotsweng fa godimo e bontsha gore le e leng mo Segerikeng se e seng sa Bibela sa bogologolo, “kosmos ke motheo wa lefoko la thulaganyo ya lefatshe, tsamaiso ya lefatshe.”
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Losika lwa motho lo lo siameng lo tla tsosolosa Paradaise mo lefatsheng je lesha