LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 5/1 ts. 21
  • Tuelo ya Boikanyegi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tuelo ya Boikanyegi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Modimo Ga Se Motlhaodi Wa Batho’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Lorato Io Utlwanya Malapa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • “Lefoko la Modimo la Tota”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ba Bolelele Gore O a Ba Rata
    Maitemogelo a Basupi ba ga Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 5/1 ts. 21

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Tuelo ya Boikanyegi

E NE e le mo Italy fa, Mmè B​—— yoo ka nako eo a neng a na le dingwaga di le 15, a neng a simolola go itse boammaaruri, dingwaga di le 15 tse di fetileng. Lefa go ntse jalo, ga ka a tswelela-pele, mme jalo a nyalwa ke monna yo o sa dumeleng. Le fa go ntse jalo, peo ya boammaaruri e ne ya sala mo pelong ya gagwe, mme mo e ka nnang ngwaga e e fetileng o ne a dumela go ithuta Bibela le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme a simolola go nna gone mo dipokanong. Monna wa gagwe o ne a ganetsa thata-thata ebile a dira matshosetsi a go mo koba mo lapeng. O ne a tle a mo itee mo go maswe mo a neng a tle a tlhoke kalafi. Mo bosigong bongwe o ne a gatlhamela mo Holong ya Bogosi ka nako ya pokano, a betsa mokaulengwe mongwe, a thuba galase e e mo lobating, mme a goa ka tshakgalo.

Fa mosadi a boela kwa lapeng, o ne a fitlhela monna wa gagwe a mo lotletse kwa ntle ga ntlo. Kwantle ga go nyema mooko, o ne a ya kwa lefelong la bo-Carabinieri (mapodise) go ba bolelela kaga se se diragetseng mme go tswa foo o ne a ya go robala kwa ntlong ya ga rakgadiagwe. Morago ga malatsi a le mabedi monna wa gagwe o ne a mo letlelela go tla gae.

Monna wa gagwe o itsege thata mo motseng. O ne a simolola go latofatsa Basupi ba ga Jehofa phatlalatsa, a re ba ne ba sentse lelapa la gagwe. Mo tlhabanong eno ya go lwantsha Basupi, o ne a engwa nokeng ke baruti. Moruti mongwe o ne a dira gore dipampiri tse di ngaparelang di kwalwe mafoko a a latelang: “BASUPI BA GA JEHOFA: Se kgobereng kagiso ya lelapa le. RE A LEBOGA!” O ne a dira gore tseno di ngaparediwe mo mabating mo motseng. Mongwe le mongwe o ne a bua kaga Basupi ba ga Jehofa le go ba ja setshego le go ba sotla. Go sa kgathalesege seno, bakaulengwe ba ne ba tia moko mme ba tswelela-pele mo bodiheding jwa bone ka tlhagafalo e e fetang ya pele. Malapa a mantsi a ne a sa batle dipampiri tseno mo mabating a bone. Basimane bangwe, ba ba neng ba romilwe ke moruti, ba ne ba neelwa 100 lire fa ba sena go di ngaparetse mo mabating, go ne ga bolelwa jalo.

Fa dikgang di eme jalo, Rre B​—— o ne a itsise mosadi wa gagwe gore o ne a tla tshwanelwa ke go tswa mo lapeng, ereka a ne a setse a tsere dikgato tsa kgaogano ya kafa molaong. Mme dilo di ne di simolola go fetoga mo motseng ono. Seromamowa sa lefelo leo se ne sa gasa thulaganyo, mme mmega-dikgang o ne a tlhalosa kgang eno gore ke “maano a a belaesegang, a maitseo a a seng mantle.” Mo thulaganyong eo, bakaulengwe ba rona ba ne ba tlhalosa gore malapa a le mantsi a ne a neetswe dipampiri tseo kwantle ga tetlelelo. Se se ne sa tlhatswiwa ke lebaka la gore di ne di ngaparediwa go le bosigo le e leng mo mabating mangwe a Basupi ba ga Jehofa le malapa a a neng a amogela maeto a bone. Mmega-dikgang wa seromamowa o ne a galaletsa Basupi ba ga Jehofa mme a bolela gore ke batho “ba ba nang le maitseo a mantle-ntle, ebile ba pelonomi fela thata.”

Kwa bofelong, go ne ga tla nako ya gore banyalani bao ba tle fa pele ga moatlhodi go simolola kgaogano ya kafa molaong e monna o neng a e batlile. Moatlhodi o ne a akgola Mmè B​—— ka ntlha ya keletso ya gagwe ya go sa batle kgaogano, mme fa a santse a emetse tsheko, o ne a mo neela pabalelo ya bana. Ba ne ba ka tswelela ba nna mo lelapeng la bone, mme monna wa gagwe o ne a tla tshwanelwa ke go mo neela 250 000 lire kgwedi nngwe le nngwe. Monna wa gagwe o ne a gana, a re: “Ntlo ke ya ga mme, mme mosadi wa me ga a kake a nna koo.” Moatlhodi o ne a araba ka go re: “O batla go nna monna le kokobolo. Mosadi wa gago o tshwanetse go re ee ka metlha mme o rile nnyaa gangwefela fela, jaanong o tlhakatlhakanya motse otlhe. Fa mosadi wa gago a ne a ile a seka a ikanyega mo go wena, ke ne ke ka tlhaloganya, mme ka ntlha ya lebaka la gore o latela bodumedi bongwe go na le jo bongwe ga di go ame.”

Mmè B​—— jaanong o direla Jehofa ka boitumelo. (Mathaio 5:10) Batho ba motse oo ba fetotse boikutlo jwa bone, mme go na le dipuisanyo tsa Bibela tse di kgatlhisang. Ba dumela gore ga se Basupi ba ga Jehofa ba ba kgoberang kagiso ya lelapa. Fa go santse go na le dipampiri tse di ngapareditsweng mo mabating, ga di sa tlhole di kaya sepe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela