LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 4/15 ts. 29
  • “Dikhumō ka Loleme lo lo Akañ . . . Mouwane”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Dikhumō ka Loleme lo lo Akañ . . . Mouwane”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 4/15 ts. 29

“Dikhumō ka Loleme lo lo Akañ . . . Mouwane”

MO MALATSING ano, le go tsietsa go lebiwa jaaka maano a kgwebo a a tshwanetseng​—ebile a atlegisa fela thata. Seno se ne se le boammaaruri mo metlheng ya Bibela. Mopesalema Asafe o ne a kwala ka bao ‘ba totelwang ke dikhumo,’ go bonala e le ka maano a go tsietsa Ba ba ntseng jalo ba ka lebega “ba le mo boiketloñ ka metlha eotlhe” ka baka la seo ba se boneng ka boferefere jwa bone.​—Pesalema 73:8, 12.

Lefa go ntse jalo, Bakeresete gompieno ba tshwanetse go tila go ‘rata khumo ya boferefere le go retologela kwa maretšhweng a kgwebo a a belaetsang kana a a sa ikanyegeng (1 Petere 5:2) Diane 21:6 e tlhagisa jaana: “Go bapala dikhumō ka loleme lo lo akañ. ke mouwane o o kgwelediwañ kwa le kwa: ba ba di batlañ ba batla losho.” Ee, “dikhumō” dipe tse di bonwang ka go aka le go tsietsa di tlamega go nna tsa nakwana fela jaaka “mouwane.” le go nyelela ka bonako jaaka mosi wa metsi. “Dikhumō tsa boikèpō ga di thuse sepè” fa nako e ntse e tsamaya. (Diane 10:2) Tota, moaki o “batla Iosho” ka go latela tsela e e isang losong. Botshelo jwa gagwe bo ka kgaosediwa pele ga nako jaaka maano a gagwe a maaka a mo utlwisa botlhoko. (Bapisa Esethere 7:10.) Kana kwa pele-pele. botshelo jwa gagwe bo tla khutlisiwa ka letsatsi la Modimo la katlholo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela