Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Go Ruta ka Ditshwantsho
GO BONALA fa Jesu a le mo Kaperenama fa a kgalemela Bafarasai. Moragonyana mo letsatsing leo o tswa mo ntlong mme o ya fa Lewatleng ja Galilea je le gautshwane, koo matshwititshwiti a batho a phuthegelang gone. Fa a tsena koo o pagama mokorwana, o a tsamaya, mme o simolola go ruta batho ba ba mo lotshitshing kaga Bogosi jwa magodimo. O dira jalo ka dikai tse di tlhomaganyeng, kana ditshwantsho, sengwe le sengwe se itebagantse le dilo tse batho ba di tlwaetseng.
Santlha, Jesu o bua kaga mojadi yo o neng a jala peo. Peo e nngwe e wela fa thoko ga tsela mme e jewa ke dinonyane. Peo e nngwe e wela mo mmung o o nang le maje kwa tlase. Ereka medi e sa kgone go ya kwa teng, dimela tse disha di swabisiwa ke letsatsi je le fisang. Mme peo e nngwe e wela mo mmitlweng, eo e hupetsang dijalo fa di tlhoga. Labofelo, dingwe tsa dipeo di wela mo mmung o o molemo mme di tlhagisa ga lekgolo, dingwe ga masome a marataro, mme tse dingwe ga masome a mararo.
Mo setshwantshong se sengwe, Jesu o bolela gore Bogosi jwa Modimo bo tshwana le fa monna a jala peo. Fa malatsi a ntse a feta, fa monna a ntse a robetse lefa a tsogile, peo e nna e ntse e gola. Monna yoo ga a itse gore jang. E ikgolela fela ka boyone mme e tlhagisa mabele. Fa mabele a butswa, monna o a a roba.
Jesu o bua setshwantsho sa boraro kaga monna yo o jalang peo e e siameng, mme fa a ntse a robetse, mmaba o a tla mme o feta a jala mofoka mo mabeleng. Batlhanka ba monna yoo ba botsa gore a ba ka khumola mofoka. Mme o araba ka gore: ‘Nnyaa, fa lo ka dira jalo, lo ka tla lwa khumola mangwe a mabele. Mmang di gole mmogo go fitlhelela thobo. Mme ke tla raya barobi gore ba tlhaole mofoka mme ba o fise mme ba beye mabele mo mabolokelong.’
Fa a ntse a tsweledisitse puo ya gagwe le matshwititshwiti mo lotshitshing, Jesu o neela ditshwantsho tse dingwe tse pedi. O tlhalosa gore “bogosi yoa legodimo” bo tshwana le tlhaka ya mosedara eo monna mongwe a neng a e jala. O bolela gore, lemororo e le e potlana go feta dipeo tsotlhe, e gola gore e bo e fete dijalo tsotlhe. E nna setlhare seo dinonyane di tlang go kotama mo go sone, mme di bona moruti kafa tlase ga dikala tsa sone.
Bangwe gompieno ba a ganela ba re go na le dipeo dingwe tse di potlana go feta dipeo tsa mosedara. Mme Jesu fano ga a rute kaga kitso ya ditlhare. Mo dipeong tseo Bagalilea ba motlha wa gagwe ba tlwaelaneng natso, peo ya mosedara ruri ke e potlana go di feta tsotlhe. Jalo ba lemoga kgang ya kgolo e e sa tlwaelegang eo Jesu a fang setshwantsho ka yone.
Labofelo, Jesu o bapisa “bogosi yoa legodimo” le sebediso seo mosadi a se tsayang a se tlhakanya le dilekanyo tse dikgolo tse tharo tsa bupe. Morago, o a bolela, se bidisa bupe jotlhe. Morago ga fa a sena go neela ditshwantsho tseno tse tlhano, Jesu o phatlalatsa matshwititshwiti a bo a boela kwa ntlong eo a nnang kwa go yone. Ka bonakonyana baaposetoloi ba gagwe ba ba 12 ba mo latela koo. Mathaio 13:1-9, 24-36; Mareko 4:1-9, 26-32; Luke 8:1-8.
◆ Jesu o ne a bua le matshwititshwiti leng ka ditshwantsho mme kae?
◆ Ke ditshwantsho dife tse tlhano tse Jesu a neng a di bolelela matshwititshwiti?
◆ Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a re peo ya mosedara ke e potlana go feta dipeo tsotlhe tse dingwe?