LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 3/1 ts. 32
  • Mokatoliki Oa E Ipelela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mokatoliki Oa E Ipelela
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 3/1 ts. 32

Mokatoliki Oa E Ipelela

Taere ya mongwe wa Basupi ba ga Jehofa e ne e tšhetse mo lefelong lengwe la magae la Virginia, U.S.A. Go ne go na le ntlo nngwe fa gaufi, mme o ne a kokota fa mojakong. Lekgarebe la ntlo eo le ne la mo letlelela gore a tsene go ka founela ba lephata la ditsela. Moragonyana ga moo mosupi yono o ne a romela lekwalonyana la go mo leboga, a tsentse mpho ya sekaelo sa buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Bontlhanngwe jwa se se latelang ke karabo eo a neng a e amogela:

“Ke tla bua puo phaa fela ke sa go lobele sepe. Ke Moroma Katoliki. Mme lefa e le mang fela fa a tla kwa ntlong ya me ka Tora ya Tebelo kana epe e nngwe ya dipampitshana, ke leka gore ke seka ka di amogela. Fa ke di patelediwa, ke di latlhela mo kgamelong ya matlakala. Bokatoliki bo ile jwa nwediwa mo go nna go tloga fa ke sale ngwana yo monnyane.

“Lefa go ntse jalo, ke ne ka gogelwa mo bukeng ya gago ka ntlha ya gore e ne e na le ‘Paradaise’ mo setlhogong sa yone le ka gonne e ne e balega motlhofo le ka papamalo. Dipotso tseo di leng kwa tlase mo ditsebeng di ne di kgothaletsa go e bala, mme ke ne ke gogelwa ke ditshwantsho. Segolo-bogolo ke ne ke rata tsebe 11 ka ntlha ya gore ke leka go agela dinonyane le diphologolo Paradaise e e ntseng jalo fano. Ke na le kgama, mebutla ya gae, botshipa, mesha, dikgori le dinonyane tsa mefuta yotlhe. . . .

“Ruri o fitlheletse sengwe ka go dira gore Mokatoliki a bale buka ya bodumedi jo bongwe. Ijo! Ga ke dumele gore ke tla tsamaya ke sokologela kwa bodumeding jo bongwe. Mme ke bala buka eno, monna wa me le ene o a e bala jaanong. Ke a go leboga gape!”

Buka eno e e molemo e na le ditsebe di le 256, e lekana le makasine ono ka bogolo, mme e tletse ka ditshwantsho tse di fetang 150, bontsi jwa tsone di na le mmala o montle. Romela R4,50 fela; e potlana ke R2,25.

Tswee-tswee nthomelelang, poso e dueletswe, buka ya OO Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Supa ka go tshwaya lebokoso le le tshwanetseng gore o batla kgatiso e kgolo ya R4,50 [ ] kana o batla kgatiso 9 nnyane ya R2,25 [ ], mme o romele madi a a tshwanetseng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela