LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 2/1 ts. 31
  • A Bana ba Tshwanetse go Thibelwa go Ya Dipokanong?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Bana ba Tshwanetse go Thibelwa go Ya Dipokanong?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 2/1 ts. 31

A Bana ba Tshwanetse go Thibelwa go Ya Dipokanong?

‘MASEA le bana ga baa tshwanela go tlisiwa mo ntlong ya Modimo le ka motlha ope.’ Ao e ne e le maikutlo a motlhalosi mongwe yo o tumileng wa Bibela ebong Adam Clarke. Legale, o ne a letlelela gore mmè yo o humanegileng yo o senang ‘motho ope yo o ka tlhokomelang ngwana wa gagwe fa a seyo’ go dira jalo. Batho ba ba ntseng jalo ba ka letlelelwa go tla le bana ba bone kwa kerekeng “lemororo go sita phuthego, le baruti bangwe, fa ba utlwa ngwana a lela.” Clarke o ne a theile go tlhaola ga gagwe goo go leng kgatlhanong le bana mo temaneng eno ya Bibela e e mo go Nehemia 8:2, eo e balegang jaana: “Me Esere moperisiti a lere molaō ha pele ga phuthègō, e le ea banna le basadi, le botlhe ba ba ka utlwañ ka tlhaloganyō.” Lefa go ntse jalo, phuthololo e e ntseng jalo ga e dumalane le boikutlo jwa Duteronome 31:12: “Phutha batho, banna le basadi, le banyana, . . . gore ba utlwè, le gore ba ithutè.”​—Bona gape le 2 Timotheo 3:15.

Ka ntlha ya seno, ga go lebege ekete fa Nehemia a ne a rulaganyetsa pokano eno o ne a akantse ka go tlhaola ope. Go na le moo, boikaelelo jwa taletso eno gongwe e ne e le go akareletsa botlhe bao ba “ka utlwañ ka tlhaloganyō,” go kgothaletsa gore go nniwe le seabe ka botlalo! Abo go ne go se kitla go utlwala jang ne go kopa batsadi gore ba tlogele bana ba bone ba sa tlhokomelwa ke ope!

Se se kgatlhisang ke gore, Basupi ba ga Jehofa gompieno ba kgothalediwa gore ba tle le masea a bone le bana ba bone kwa dipokanong tsa Bokeresete. Ke boammaaruri, ka dinako dingwe seno se ka baka dikgoreletsinyana mmogo le go tlaletsa batsadi go ya selekanyong se se rileng. Mme batsadi ba Bakeresete ba dira boiteko jwa go thapisa bana ba bone gore ba dule ka tshisibalo. Fa nako e ntse e tsamaya bana ba bone ba tla bo ba “ka reètsa ka tlhaloganyō” le go amogela tshedimosetso e e nayang botshelo.​—Bahebera 10:24, 25.

Go Tswa mo Molomong wa Ngwana

BATSADI ba ga Mia, mosetsana wa dingwaga di le tharo, bao e leng maloko a Kereke ya Dutch Reformed Church mo Afrika Borwa, ba ne ba batla mongwe yo a ka ba tlhokomelelang Mia fa ba le kwa tirong. Mosupi mongwe o ne a batla mme a bolelela batsadi bao gore letsatsi lengwe le lengwe o ne a ruta bana ba gagwe ka namana go tswa mo Bibeleng. Batsadi bao ba ne ba dumela gore Mia o ne a ka akarelediwa mo go seno. Mia o ne a ithuta kaga Paradaise e e solofeditsweng ya ga Jehofa mme o ne a rata seo a neng a se ithuta. Fa a ne a na le dingwaga di le nne o ne a gana go nna gone kwa lenyalong la kereke nngwe, a bolela gore: “Papa, selo se ke Babelona o Mogolo.”

Fa a ne a na le dingwaga di le thataro moruti o ne a mmotsa gore o tsena kereke efe. O ne a re, “Basupi ba ga Jehofa.” “Batsadi ba gago bone?” “Ba santse ba tsena Dutch Reformed, mme ba tla akofa ba fetoga Basupi ba ga Jehofa.” Moruti yoo o ne a fetola jaana ka bogale: “O tlogele batho ba me!”

Gompieno Mia o na le dingwaga di le supa mme o itumelela go bo a tlile mo boammaaruring a na le dingwaga di le tharo. Batsadi ba gagwe ba bontshitse fa ba eletsa go kolobediwa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela