Pego ya Baboledi ba Bogosi
“Kopano ya Kgaolo e e Gakgamatsang”
SENO e ne e le setlhogo sa koranta nngwe mo Martinez de la Torre, Veracruz, Mexico, kaga kopano ya Basupi ba ga Jehofa e e neng e tshwaretswe mo motseng oo. Koranta eo e ne ya akgela jaana: “Palo e kgolo ya ba ba neng ba le gone kwa kopanong ya kgaolo ya [Basupi ba ga Jehofa] e e neng e tshwaretswe kwa Exposition Grounds mono ke pontsho e e bonalang sentle ya tiragalo e e tlhomologileng mo lefatsheng lotlhe mo motlheng wa rona: e leng go gola ga go sa tshepeng ga batho dithuto tsa motheo tsa tse go tweng ke dikereke tsa ‘Bokeresete’ le go dumela ka natla gore koketsego ya mathata e palela mo go akabatsang boiteko jwa mebuso go a fedisa.
“Pokano ya dipolotiki kana tiragalo ya setho ga di ise di ko di phuthe bontsi jo bo kalo jo bo bontshang thulaganyo e le nngwe fela le bophepa. Tota e ne e le se se gakgamatsang go bona batho ba le 5 000 ka kelotlhoko ba latela thulaganyo eo e agilweng mo thutong e e tswang mo Bibeleng eo e dirisanang le dikgang tsa botshelo jwa letsatsi le letsatsi go tloga mo go godiseng bana le go tshela mmogo jaaka lelapa go ya mo boitsholong le boitekanelong jwa semoya, gammogo le motshameko wa polelo ya Bibela le tiriso ya yone ya mo motlheng wa gompieno.”
Morago ga go akgela ka “bosupi jo bogolo jwa katlego e e tshwaraganetsweng le thulaganyo,” pego ya dikgang e ne ya tlhokomedisa seno: “Bomosola jwa tiro e e dirwang ke Basupi ba ga Jehofa ba lefelo leno bo ka nna jwa lekanngwa ka matswela a a ileng a bonwa fela mo dingwageng di se kae. Gompieno ke mokgatlho o o golang thatathata, o o sa reng sepe ka dikakgelo tsa go ba tshasa leswe tseo gantsi di ba dikologileng. Go tshasiwa leswe gope mo go ka lebisiwang go bone e nna selo se se seng sa boammaaruri fa mongwe a lebelela boemo jwa bone mo dilong tse di ba dikologileng, tsela e e rulagantsweng e ba golang ka yone, tlotlo ya bone mo babusing, le kanaanelo e kgolo e ba nang le yone ya bophepa le puo e e phepa.
“Diithuti tseno tsa Bibela ke mo e batlileng e nna 100 mo lekgolong ya batho ba pele ba neng ba le mo bodumeding jo bo farologaneng, bogolo e le Makatoliki, bao ba neng ba lemoga gore bodumedi bo ne bo sekamela mo dipolotiking le go amogela ga jone ditiro tse di sa amogelweng ke Bibela jaaka go tlhakanela bodumedi, boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong, le thubakanyo. E ne ya nna motswedi wa kgotsofalo mo go bone go nna mo melao-metheong ya Dikwalo ya boitshwaro kwantle ga go tsenelela mo kobamelong ya medimo ya disetwa kana mo dingwaong tse go sa itseweng kwa di simologileng teng. Seno se ba neetse kutlwano e e tlhokegang ya tumelo e go bonalang e ba farologanya gongwe le gongwe kwa ba fitlhelwang gone.”
Dikakgelo tseno di re gakolola molao-motheo o Jesu a neng a o tlhalosa: “Lo tla ba itse ka mauñō a bōnè.” (Mathaio 7:16) Batho ba le bantsi ba ba dipelo di ikanyegang mo Mexico ba lemoga gore dithuto tsa Basupi ba ga Jehofa ke tsa Dikwalo mme ba kopanela le bone le go tshegofadiwa mo gogolo semoyeng ke Jehofa Modimo.
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Nngwe ya dikopano tse di nnang gone mo Mexico