LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 11/15 ts. 31
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A re Godiseng Leina la ga Jehofa Mmogo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Tshimologo ya Magosi mo Iseraele—Dibuka tse Pedi tsa ga Samuele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ikaege ka Moya wa Modimo fa o Lebana le Maemo a a Fetofetogang a Botshelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Buka ya Bibela ya bo 9—1 Samuele
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 11/15 ts. 31

Dipotso tse di Tswang go Babadi

◼ Ke eng fa Dafide a ne a tsenya Ahimeleke moperisiti yo mogolo mo kotsing ka bomo, mo go ileng ga tsala loso la moperisiti yoo, jaaka Dafide a dumetse mo go 1 Samuele 22:22?

Tota, 1 Samuele 22:22 ga e supe gore Dafide o ne a itse pele gore kgato ya gagwe e ne e tla a tsala loso la ga Ahimeleke. Temana e tlhalosa jaana “Me Dafide a raea Abiathare [morwa Ahimeleke], a re Ke itsile ka tsatsi yeuō, ka Doege oa Moedoma a le gōna, ha [Doege] rure a tla bolèlèla Saule: ke nna ke bolaileñ batho botlhe ba ntlo ea ga rrago (Ahimeleke).”

A tshaba kgosi Saule yo o gaketseng, Dafide o ne a ya Noba, kwa Ahimeleke moperisiti yo mogolo o neng a le gone. Dafide ga a a ka a ntsha lebaka la mmatota la go bo a le ka kwa ntle ga Jerusalema, gongwe ka ntata ya go gopola gore moperisiti yo mogolo o tla ikutlwa a patelesega go bega kwa kgosing gore Dafide o kae. Leta go ntse jalo go nna gone ga gagwe mo Noba go ne go lemogilwe. Moedoma yo o neng a bidiwa Doege o ne a bona Dafide mme moragonyana a mmega kwa go Saule yo o gaketseng.

Lefa go le jalo, ga go na sepe mo pegong eno seo se supang gore Dafide o ne a itse go sa le pele ka ga go nna gone ga ga Doege. Doege “a bo a le gōna ka tsatsi yeuō, a diilwe ha pele ga Jehofa.” (1 Samuele 21:7) Gongwe, Dafide o ile a gakgamala, le e leng go kgaoga pelo, go bo Doege yo o bosula a ne a mmona a na le Ahimeleke. Lefa go ntse jalo dilo di ne di ka se tlhole di fetolwa. Dafide o ne a ka seke a fetole seo; kana a thibele diphelelo tse di setlhogo tseo bogale jwa ga Saule bo neng jwa di tlisa mo moperisiting yo mogolo le bontsi-ntsi jo bongwe jwa baperisiti, gammogo le basadi, bana, le diruiwa mo Noba.​—1 Samuele 22:9-19.

Malebana le seno, elatlhoko gape mafoko a kutlo-botlhoko a ga Dafide go Abiathare, yoo o neng a falola polao: “Ke itsile ka tsatsi yeuō, ka Doege oa Moedoma a le gōna . . . ” Re ka utlwisisa mafoko a ga Dafide e le a a reng, ‘ke ne ka itse mo tsatsing jeo, fela fa ke lemoga gore Doege o ne a mpone ke na le Ahimeleke . . . ’ Mme go ne go sena sepe se se ka dirwang. Doege o ne a le koo kwa ntle ga go solofelwa mme a bona bokopano jwa ga Dafide le moperisiti yo mogolo. Ka jalo ka bofefo Dafide a dira phetso ya gore Doege o ne a tla bega kgang kwa go Saule. Ke gone mo e leng gore moragonyana Dafide o ne dumela boikutlo jwa go ipona molato mo go Abiathare, lefa tota Dafide a ile a nna le seabe fela e seng ka tlhamalalo mo polaong e e neng ya latela. Ereka Dafide a ne a tshepa kaelo le tshireletso tsa ga Jehofa, o ne a kgothatsa Abiathare go nna le ene.​—1 Samuele 22:22, 23.

◼ A go tshwanetse gore bakaulengwe ba babedi kana ba bararo ba pataganele motho yo o kolobediwang go mo nwetsa mo metsing ka nako ya kolobetso ya Bokeresete?

Gantsi go tlhokafala fela modihedi a le mongwe wa monna go kolobetsa motho.

Lefa Bibela e sa fe melao ya tsamaiso mabapi le kolobetso ya Bokeresete, re ka ithuta mo pegong ya Bibela. Kolobetso ya metsi ya ga Jesu ka mo go kgethegileng go na le se e se rutang.

Bibela e bega jaana: “Hoñ Yesu a cwa kwa Galilea, a tla kwa Yoredane kwa go Yohane, a tla go kolobediwa ke èna.” (Mathaio 3:13) Tlhokomela gore ya re “ke èna,” e seng ke bone. Dipolelo tsa Efangele ga di fe tshupo epe ya gore mongwe o ne a tlhakanela le Johane mo go kolobetseng Jesu. Tota, go supafala gore go ne go sena babogedi bape kwa kolobetsong eo, ereka Johane a le nosi ka boene o ne a supa Jesu jaaka “Kwana oa Modimo, eo o tlosañ boleo yoa lehatshe.” (Yohane 1:29, 33, 34) Kolobetso ya ga Jesu, he, e tlhoma motlhala kaga go nwediwa gotlhelele mo metsing, mme gape e akantsha gore motlhanka wa Modimo a le mongwe hela wa monna o tshwanelwa ke go dira kolobetso.

Go ka ne go ne go na le motho a le mongwe kana go feta fa Filipo a kolobetsa moopahadiwa wa Moethiopia mo ‘metsing,’ mme Filipo o ne a le nosi fa a ne a kolobetsa. (Ditihō 8:36-39) Mme e bile, dipego tse dingwe tsa Bibela kaga kolobetso ga di supe gore bakaulengwe ba le babedi kana ba le bararo ba ne ba tlhakanela mo go tsenyeng motho kafa tlase ga metsi mme morago mokaulengwe kana kgaitsedi yo mosha yoo a bo a tlhatlosiwa mo go one: Lefa go le jalo, mo mabakeng a le mantsi, go phepafetse gore go ne go na le balebeledi, kana basupi, ba dikolobetso tseo.

Ke boammaaruri, mo dingwageng go ile ga nna le maemo a a kgethegileng mo go neng ga tshwanelwa ke go akanyediwa fa go dirwa dikolobetso dingwe. Ka sekai, fa metse a e leng one fela e le ao a elelang ka bofefo gape e le molatswana o o kotsi, go ka tlhophiwa bakaulengwe ba babedi go dira mmogo ka ntata ya tshireletsego. Kana maemo a mmele a mokolobediwa, jaaka go swa mhama kana bokowa jo bo feteletseng, di ka dira gore mo go fetang mokaulengwe a le mongwe hela a kolobetse. Lefa go le jalo, ano ke mabaka a a sa tlwaelesegang a a ka tshwarwang ka botlhale. Mo Basuping ba ga Jehofa mokgwa ke gore monna a le mongwe-hela a kolobetse motho yo o kolobediwang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela