‘Ke Sone se ke Sa Bolong Go Se Batla’
Matshelo a batho a ka fetolwa ke selo se se nnye. Seno se tshwantshiwa ke mosetsana monwe yo mosha wa Moargentina yo o neng a kwalela ntlo-kgolo ya Mokgatlho wa lefatshe lotlhe wa Watch Tower kwa Brooklyn, New York:
“Mogatisi yo o Rategang:
Tswee tswee mpolelele ka bonako gore nka amogela jang makasine wa Tora ya Tebelo oo lo o gatisang. Moagelani wa me o ne a nkadima sekaelo sa makasine ono mme se ke se badileng mo go one ke sone seo ke sa bolong go se batla ka nako e telele. Abo o ntiretse molemo o mogolo jang ne! O ne wa nkgomotsa thata. Kana, ke na le dingwaga di le 15 mme ke setse ke le nosi fela mo lefatsheng. Ga go ope yo o tshwenyegang ka nna, mme makasine wa lona o ne wa ntlatsa ka tsholofelo. Moagelani o ne a nkopa gore ke buse makasine oo ereka e le sengwe sa dilo tse mmaagwe, yo o tlhokafetseng bosheng jaana, a di mo tlogeletseng.”
Mosetsanyana yono o ne a konela lekwalo lwa gagwe ka go tlhalosa gore o humanegile thata le gore mme o tla dira sengwe le sengwe se se ka kgonegang gore a duelele makasine ono. Lekwalo la gagwe le ne la romelwa Argentina, mme moemedi wa Mokgatlho wa Watch Tower o ne a etela mosetsanyana yono ka bonako morago ga moo. O ne a beeletsa Tora ya Tebelo. O ne a gatela pele ka bonako mo kitsong ya Bibela mme a kolobediwa. Jaanong o nna le seabe le diketekete tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba mo Argentina mo bodiheding jwa Bokeresete.
Le wena, o ka romelelwa makasine wa Tora ya Tebelo kwa legaeng la gago ka go tlatsa le go romela foromonyana eno e e fa tlase.
Tswee tswee nthomeleleng peeletso ya ngwaga ya Tora ya Tebelo. Ke romela R6,50.