Go Tlhaga ga Botshelo ka Tsalo—A Go Itlhageletse kana go Tswa go Modimo?
“E RARAANE ka mo go gakgamatsang.” Ke ka moo koranta ya Science News e tlhalosang tsela ya mosadi ya tsalo ka gone. Mme lee go tswa mo dipopelong tsa mosadi le ka se tlhagise botshelo ka bolone. Gore seno se diragale, sele ya madi a monna go tswa mo tseleng ya monnaa ya tsalo e tshwanetse go kopana le pelo ya lee. Mme sele ya madi a monna e dira eng gore lee le gole? Potso eo e santse e tseanya baitseanape
Go dumela go thuto-tlhagelelo go tlhagisa potso e nngwe: Fa dirwe tsa monna le mosadi tsa tsalo di itlhageletse, botshelo bo ne bo tswelela jang pele go dirwa ga tsone ka bobedi go wediwa?
Tsalo e akareletsa dikgakgamatso tse dingwe. Motswako wa lotso o o mo leeng le le nontshitsweng o ka bonwa fela fa go dirisiwa maekrosekoupo. Mme o emela “tshedimosetso e e mo metlobong e mentsi ya dibuka,” jaaka Boprofesara Frair le Davis ba e tlhagisitse mo bukeng ya bone e e reng A Case for Creation. Ba oketsa ka gore, “Ga go na sekao se sengwe gape sa go bopiwa ga dilo tse dinnye se se ka bapisiwang kwantle ga eno.” Motlobo ono wa dibuka tsa dilo tse dinnye o kaela kgolo ya dikarolo tsotlhe tsa mmele, go akareletsa le dikarolo tse di jaaka mmala wa matlho le wa moriri.
Ka bonako fela morago ga go nontshiwa, sele eo e kgaogana go nna dikarolo tse pedi, tse pedi di nna nne, jalo le jalo go fitlhela go nna le disele tse dintsintsi. Go kgaogana ga sele go akareletsa go boeletsa le go rulaganya dimilione tsa dimolekhule. Go tshwana le feketori eo ka boyone e ikgaoganyang go nna dikarolo tse pedi tse di feletseng ka metšhini e e tshwanang tseo di ntshang dikuno tse di tshwanang, mme ka go ata gono go boelediwa kgapetsa kgapetsa. Morago ga moo sengwe se se gakgamatsang sea diragala.
Disele tse di sa tshwaneng ka popego di simolola go dira—disele tsa ditshika, disele tsa mesifa, disele tsa letlalo, le mefuta e mengwe yotlhe eo e dirang mmele wa motho. Go se tshwane ga disele ke kgakgamatso. Go ntse jalo le ka go kopana ga disele. Science Digest e re, “Ga go ope yo o itseng ka tlhomamo gore ke ka ntlhayang fa disele tse di rileng di kopana go bopa philo fa tse dingwe di kopana go bopa sebete, jalo le jalo.” Kwa bokhutlong, mmele wa motho o fitlha mo kgolong e e feletseng, o dirilwe ke disele di ka nna 100 000 000 000 000.
Go ya ka mogopolo wa thuto-tlhagelelo, botshelo jwa motho bo itlhageletse go tswa mo ditshiding tse dinnye-nnye fela. Mme, go sa tshwane le batho, ditshedi tse dintsi tse dinnye di tswa mo motsading a le mongwe fela. Di a ikatisa ka botsone. Mofuta ono wa go ikatisa o ne o ka bo o itlhageletse jang go nna mofuta o o raraaneng thata o o batlang batsadi ba babedi? Bora-thuto-tlhagelelo ba fitlhela go le thata go araba seno, jaaka e bontshitswe ke setlhopha sa batho mo tsebeng e e latelang.
Tiro eno e kgolo e tlhalosiwa motlhofo jaaka “go tlhamiwa ga tsalo.” Mme baitseanape bangwe ba na le bopelokgale jwa go gana. Moprofesara Jaap Kies, wa Unibesithi ya Western Cape, Afrika Borwa, o e tlhalosa jaaka “mogopolo o o gaisang yotlhe.”
Go na le tlhaloso e le nngwe fela e e kgotsofatsang ya go tlhaga ga botshelo. Ke mpho e e tswang go Mmopi yo o botlhale-tlhale, ebong Jehofa Modimo. Jaaka Bibela e re: “Nèō ñwe le ñwe e e molemō, le se se molemō señwe le señwe se se tletseñ, se cwa kwa godimo.”—Yakobe 1:17.
[Lebokoso mo go tsebe 3]
Seo Bora-Thuto Tlhagelelo Ba se Dumelang kaga Tsalo
“Tota ga re itse sepe-sepe ka seo se bakang kamano ya bonna le basadi labofelo; le gore ke ka ntlhayang fa bana ba tshwanetse go tsalwa ka go kopana ga metswako e mebedi ya bonna le bosadi, go na le ka tsamaiso ya parthenogenesis [go ikatisa go go tlhokang motsadi a le mongwe fela] . . . Kgang yotlhe e santse e fitlhilwe mo lefifing”—Charles Darwin, 1862.
Fa e lebisa mo ponong eno ya ga Darwin, Science News, ya September 8, 1984, e oketsa ka gore: “A ka tswa a ne a kwala gompieno.”
Moprofesara George C. Williams mo ketapeleng ya Sex and Evolution a re, “Buka eno, e kwadilwe ka tumelo ya gore go anama ga go ikatisa ga bonna le bosadi mo dijalong le diphologolo tse dikgolo ga e dumalane le kgopolo ya bosheng jaana ya thuto tlhagelelo.”
Mo bukeng ya Moprofesara John Maynard Smith ya The Evolution of Sex, e neela “thulaganyo ya tshimologo ya bong,” a e bitsa “thulaganyo e e molemo-lemo eo nka e neelang.” O konela ka go re: “Nka se dire jaaka ekete ke tlhomamisega ka tlhaloso eno.”
“Bong ke bothata jo bogolo mo mathateng a go itlhagelela ga botshelo. . . . Go bonala ekete dingwe tsa dipotso tsa motheo mo go itlhageleleng ga botshelo di boditswe ka sewelo . . . Potso e kgolo le e e ka se tlhokomologiweng le e e sa nyeleleng ya dipotso tseno ke, goreng bong?”—The Masterpiece of Nature, ka Moprofesara Graham Bell.