PINA 58
Re Batla Ditsala Tsa Kagiso
1. Jesu o laetse gore go rerwe.
Le fa maemo a le thata,
O ne a rerela botlhe,
A rata batho ba a ba rutang.
O ne’a rera ka Bogosi
letsatsi lotlhe.
Ka ntlo le ntlo le mo mmileng,
Re rerela batho botlhe
Dikgang tsa gore pogo e tla fela.
(KHORASE)
A re batleng
Ditsala tsa kagiso gotlhe,
A re batleng
Ba ba dipelo di siameng.
Re rerele
Batho botlhe.
2. Ga go na nako, a re potlakeng.
Go na le batho ba bantsi
Ba ba tlhokang go rerelwa.
Ka ntlha’a lorato re nna re rera.
Re ka thusa yo o pelo
e phatlogileng.
Re rerela batho gotlhe,
Mme fa mongwe a kgatlhega,
Re ipelela go mo ruta ka Jah.
(KHORASE)
A re batleng
Ditsala tsa kagiso gotlhe,
A re batleng
Ba ba dipelo di siameng.
Re rerele
Batho botlhe.
(Bona le Isa. 52:7; Math. 28:19, 20; Luke 8:1; Bar. 10:10.)