PINA 51
Re Ineetse mo Modimong!
E e Gatisitsweng
1. Jehofa o re gogetse kwa go Kreste
Gore re nne barutwa ba ’gwe.
’Sedi la ga Jehofa,
Le re bontshitse tsela
Mme re nna le tumelo.
Re tla tshelela ene.
(KHORASE)
Re’ineetse mo go Jehofa ka go rata.
Mme jaanong re batlhanka ba gagwe.
2. Re ne ra solofetsa Jehofa gore
Re tla mo’ikobela ka metlha.
Ruri ke tshiamelo
Go bidiwa ka ene
Le go ruta ba bangwe
Ka Bogosi jwa gagwe.
(KHORASE)
Re’ineetse mo go Jehofa ka go rata.
Mme jaanong re batlhanka ba gagwe.
(Bona le Pes. 43:3; 107:22; Joh. 6:44.)