PINA 39
Itirele Leina le le Molemo le Modimo
E e Gatisitsweng
1. Malatsi otlhe Fa re ntse re tshela,
Re batla go nna Re utlwa Jehofa.
Fa re kgaratlhela Go dira tshiamo,
Re ipedisa Jah Modimo.
2. Lefatshe leno Le ka re gogela,
La dira gore Re batle go tuma.
Go batla go tuma Ruri ke lefela,
Go ka re dira baba ba Jah.
3. Re batla gore, Maina a rona
A nnele ruri Mo bukeng ya ga Jah.
Fa re mo ikanya, Re tshelela ene,
O tla re duela Ka botshelo.
(Bona le Gen. 11:4; Diane 22:1; Mal. 3:16; Tshen. 20:15.)