PINA 31
Lo Tsamayeng le Modimo!
E e Gatisitsweng
(Mika 6:8)
1. Lo tsamayeng le Modimo
Lo le boikokobetso.
Lo mo ikanyeng ka ’nako tsotlhe,
Mme o tla lo nonotsha.
Fa lo tshepa Lefoko la ’gwe,
Lo ka se fapoge.
Letlang Mmopi a lo kaele,
Mme lona lo mo reetse.
2. Lo tsamayeng le Modimo;
Lo rateng se se siameng.
Fa lo lebana le dithaelo,
O tla lo naya maatla.
Dilo tsotlhe tse di molemo,
Le tse di rategang,
Lo nne lo’akanya ka tsone,
Mme Jah o tla lo thusa.
3. Lo tsamayeng le Modimo,
Lo nne ditsala tsa ’gwe.
Lo lebogele dimpho tsa gagwe
Le masego a gagwe.
Lo tsamaye le Modimo Jah,
Lo mmakeng ka pina.
Mme lo tla nna lo’itumetse
Ka gonne lo baka Jah.
(Bona le Gen. 5:24; 6:9; Bafil. 4:8; 1 Tim. 6:6-8.)